Breaking News

Puso e ikaelela go tlhabolola dikokelwana

02 Feb 2015

Tona wa lephata la botsogo, Mme Dorcus Makgato, a re ke maikaelelo a puso go tlhabolola seemo sa dikokelwana tshotlhe mo lefatsheng.

Tona Makgato o buile se mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke Tautona Lt. Gen Seretse Khama Ian Khama kwa Mosolotshane mo kgaolong ya Shoshong bosheng.

O tlhalositse fa puso e tlaare mo lenaneong la ditogamano la ditlhabolo la NDP11, puso e bo e tlhabolola dikokelwana dingwe gore di tswe kwa seemong se se kwa tlase jaanong e nne dikokelwana tse dikgolwane.

Tona o ne a araba modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse oo, Mme Nkitso Keikwale yo o neng a supa fa batho ba motse wa Mosolotshane ba le bantsi mme ka jaana ba sa lekanwe ke kokelwana ya bone.

Mme Keikwale o ne a tlhalosa gape gore ba kopa gore go nne le kamore ya pelegi, le gore gape e bo e bulwa bosigo le motshegare.

Mo go tsa gore banni ba dipolase ga ba bone dithuso tsa botsogo, Tona Makgatho o ne a tlhalosa gore e le ba botsogo ba tlhola ba etele dipolase gangwe le gape mme ba thuse batho ba go nna jalo.

O ne a tlhalosa gore e re le ntswa go nale fa ba tsamayang teng, fa go nale mafelo mangwe kgotsa dipolase tse ba sa tsamaeleng kwa go tsone o ne a kopa banni go ikopanya le bone gore ba bone gore baka ba thusiwa jang.

Mme Makgatho o ne a tlhalosa gore puso e ntse e tlhaelelwa ke madi fela jaaka lefatshe ka bophara, mme go dira gore kokelo e bereke bosigo le motshegare go tsile go batla madi a mantsi, mme a re se se ka sekasekwa mme sa diragala mo dingwageng tse di tlang e seng mo bogaufing.

E ne e rile gole pele gape Mme Keikwale a kopa gore bana ba bone baya sekoleng se segolwane kwa Moiyabana, mme sekole seo se tletse ka jalo ba kopa gore a puso e ka se ba agele sekole se sengwe se segolwane.

Mme Keikwale o ne a tlhalosa gore le gone mo sekoleng sa Mosolotshane se sebotlana bana ba bantsi mme ba tlhaelelwa ke matlwana a borutelo.

Mo go tse dingwe, o ne kopa gore gonale motlhaba o montsi mo motseng wa bone mme a kopa gore a b aka se fiwe tletla ya go epa motlhaba ele ba komiti ya ditlhabolo tsa motse mme ba tokafatse motse wa bone ka go.

Mo go tse dingwe o ne a kopa gape gore ba itumelela lenaneo la ipelegeng, mme le fa go ntse jalo batho ba le bantsi ga ba kgone go le akola k aba le bantsi mo motseng.

A re ba kgona fela go thapa batho bale masome a matlhano le botlhano mme a kopa puso gore a e ka se ba okeletse ba nna lekgolo le masome a matlhano.

Fa a mo kgwa dikgaba, tona wa meepo kgothetso le metsi Rre Kitso Mokaila o ne a tlhalosa fa go epa motlhaba mo motseng wa bone go tsile go batla dilo tse dintsi.

Le fa go ntse jalo Rre Mokaila o ne a tlhalosa gore kgang ya bone e tlaa sekwa sekwa ka e tlhokana le ditsetlana tse di ntsi gore lefatshe le lone le tle le babalesege.

Fa a bua ka tsela ya Mosolotshane/Moralane, Tona wa dipagamo le ditlhaeletsanyo Rre Tshenolo Mabeo o ne a a kopa banni gore tsela ya bone e tsile go tswelela e ntse e gopiwa.

Rre Mabeo o ne araba Kgosi ya motse oo Rre Tsietsego Molefhi yo o neng a kopa gore tsela e tshelwe sekontiri.

A re ntateng ya letlhoko la madi, le gore fa go tlhabololwa tsela go a bo go lebilwe dikoloi tse di dirisang tsela eo, ba tsile go tswelela ba ntse ba e gopa, mme a kopa banni go nna pelotelele. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgathi

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 02 Feb 2015