Camel choir e abela baithuti
02 Feb 2015
Khwaere ya Camel ya moopelo wa dinnoto kwa Tsabong e otlolotse letsogo ka go abela bana ba sekole se se botlana sa Tsabong dimpho e le tsela nngwe ya go rotloetsa baithuti go tlhwaafalalela dithuto tsa bone.
Fa a bua maikaelelo a bone, modulasetilo wa khwaere eo Rre Morekolodi Moapare o ne a tlhalosa fa e ne le go rotloetsa bana ba sekole ka seo se ka thusa thata mo go tokofatseng maduo mo dithutong tsa bone.
Rre Moapare o ne a kaya fa gape e ne e le go leboga le go tiisa botsalano le boeteledipele jwa sekole seo ka ba tswa kgakala ba ba thusa ka lefelo le ba kgonang go ithuthuntshetsa mo go lone.
Monnasetilo wa khwaere wa Camel Choir o ne a gwetlha banana ba kgaolo ya kgalagadi, badiri ba maphata a puso aa farologanyeng go innakayanya le moopelo wa dinnoto ka o le botlhokwa le gore o ka tlhabolola kgaolo eo ka go isa serodumo sa yone kwa godimo.
Sebui sa tlotla sa lo letsatsing leo Mme Maggie Stoffel mogwebi mo Tsabong yo e leng e leng ene morotloetsi mogolo mo khwereng ya Camel Choir o ne a supa fa e na le maloko a ka nna masome a matlhano, e kwadisitswe semmuso ebile e na le komiti ee tiileng ee tsamaisang.
Mme Stoffel o ne a tlhalosa fa maitlamo a khwaere eo e le go ngoka banana go tswa mo mebileng ka seo gape se ka thusa thata mo go tlhokeng go dira tse di duleng mo tseleng le gone go godisa moopelo wa dinnoto mo kgaolong eo.
O kaile fa khwaere eo e setse e tumile thata ka moopelo wa dinnoto a kaya fa e fetile ka tse ditsitsididi mo dikgaisanong tsa ga tautona tsa dikgaolo tsa ngwaga le ngwaga mo ngwageng tse nne tse di fitileng, fa kwa dikgaisanong tsa makgaola kgang ba tsere maemo a bobedi gangwe mme a boraro ba a gapile makgetho a le mararo.
Mme Stoffel o ne a kopa boeteledipele jwa metse mo kgaolong ya kgalagadi le setshaba ka kakaretso go ema nokeng kgwaere eo ya mmopelo wa dinnoto ka e ka gona go gola, go tia le go tswelela pele mo moopelong oo.
Fa a amogela dimpho tseo tse di neng di akaretsa dibala nako, dipena, diraba dipensele tse di lopileng madi aa kanag ka P1500.00 mogokgo wa sekole se se botlana sa Tsabong mme Dynah Basutli o ne a galaletsa thata ba khwaere eo ya Camel Choir ka tiro e ntle e ba e dirileng.
Mme Basutli o ne a tlhalosa fa sekole seo se na le baithuti ba le 781 ba mophato wa ntlha go ema ka wa bosupa, are dimpho tseo ba di neetswe ka nako ee tshwanetseng ka ba tlhaelelwa ke dirisiwa tse ba neelwang ke puso ka ntlha ya palo e ntsi ya bana.
O ne a kaya fa gape seo se tla tiisa bana ba sekole seo moko ka maduo a bone a lokwalo lwa bosupa a ngogola a ne a wetse kwa tlase ka 46% fa go tshwantshwangwa le ka ngwaga wa 2013 ka 64%.
Mo mafokong a gagwe a tebogo mookamela mapodisi a kgalagadi Officer Commamnding N0 9 District Masilo Motwiri o ne a lebogela mosimolodi wa khwaere eo ya Camel Choir Mme Mary Jonas yo e kileng ya nna mooki wa pele, a bo a mo akgolela go dira ka natla ga gagwe mo go tlhomamiseng gore khwaere eo e na se e leng sone gompieno.
Mookamela mapodisi a kgalagadi o ne a gwetlha borre go inaakanya le moopelo wa dinnoto a kaya fa palo ya bone e le kwa tlase ,mme seo se paledisa khwaere eo go lomaganya mantswe sentle fa ba le mo dikgaisanong ka palo ya bone e tshwanelwa ke go bo e le masome a herabobedi.
O ne a kopa barutabana go tlhokomela dimpho tseo le go di dirisa ka fa go tshwanetseng ka teng.
Senior Superintendent Motswiri o ne a rotloetsa batsadi go emela dithuto tsa bone ka dinao ka go nna le seabe le gone ba rotloetsa ka nako tsotlhe gore maduo a dithuto tsa bone a tle a tokofale. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Kabo dimpho
Date : 02 Feb 2015






