Kgalagadi o tlaa ipelela letsatsi la diteme
02 Feb 2015
Kgaolo ya Kgalagadi e tlaa ipelela letsatsi la mafatshe la diteme kgwedi ya Tlhakole e tlhola masome a mabedi le bongwe kwa Middlepits.
Fa a bua mo potsolotsong, mothusa molomaganya ditiro tsa kgaolo ya Kgalagadi, Mme Malebogo Mosala o tlhalositse fa dipaakanyo tsa letsatsi leo di tsweletse sentle, a tlatsa ka gore mongwe le mongwe yo o nang le seabe mo dipaakanyong tseo o dira ka thata go netefatsa gore tiro eo ea atlega.
O tlhalositse gore letsatsi leo le le ipelelwang ngwaga le ngwaga le seegetswe fa thoko ke ba UNESCO ka maikaelelo a go somarela le go tlotlomatsa diteme tsa mafatshe a mokgatlho oo.
A re ntleng ga go tlotlomatsa puo letsatsi leo gape le itebagantse le go tlotlomatsa ngwao, dijo, kapari le mmino. Mme Mosala o tlhalositse gore lefatshe la Botswana le simolotse go ipelela letsatsi leo ka ngwaga wa 2008 mme kgaolo ya Kgalagadi ke ya bofera-bobedi go le ipelela.
Kgaolo ya Kgalagadi e na le diteme tse di farologaneng mme gare ga tsone ke Sesarwa, Setlharo, Seherero, Afrikaans le Sengologa.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 02 Feb 2015






