Breaking News

Kgosi o tshwenngwa ke ba ba phuaganyang ditiro

02 Feb 2015

Puso e tshwenngwa ke dikonteraka tse di phuaganyang ditiro di ise di fele.

Ngongorego e e supilwe ke Kgosi Rre Njamuu Kareru wa Xauxau  mo potsolotsong bosheng. Kgosi Kareru a re sekai ke tsela e e tlang kwa motseng oo e e mo seemomg se se sa itumediseng segolo jang ka nako ya dipula.  

O boletse fa tsela eo e setse e dirilwe ke bora dikonteraka ba le babedi mme botlhe ka bobedi ba tsena ka lenga le seloko ba sa fetsa go dira tsela eo ya karabole.

 A re gompieno jaana go tsene khamphani ya boraro e e tshelang tsela eo le mororo le bone ba lela sa letlhoko la metsi, selelo se se neng se ntse se lelwa ke dikompone tsa ntlha go dira tiro eo. 

Kgosi a re tsela eo e sekgele se dikhilomethara di le lekgolo le masome a mane go tswa sekontereng se se ralalang Okavango go ya Shakawe  ebile e na le dikhuti tse di tshwarang metsi fa pula e nele go emisa metsamao ya dikoloi.

Kgosi o buile thata kgatlhanong le dikompone tseo ka di senyatsa puso ebile di diya ditlhabololo go ya setshabeng. 

A re tsela ke yone e e ka tlisang ditlhabololo mo motseng ka e ka khutshwafatsa sekgala sa go tswa metseng e e tlhabologileng jaaka Gumare le Shakawe a bo a kopa puso go tseela dikompone tseo dikgato tse di gagametseng.

 E ntse e le mo motseng o, kgosi o boletse fa ntlo ya boapeelo ya sekolo se se botlana sa Xauxau Primary School e sale e agilwe dingwaga di ka nna supa tse di fetileng mme le jaana ga e ise e dirisiwe ka go sa tsenngwa dipitsa mo go yone. 

O boletse fa ntlo eo le yone e sa agega sentle ebile marulelo a yone a setse a wetse mo teng.

Fa a tswa la gagwe, modiri mo sekolong seo e le yoo apeelang bana Mme Kahe Mbambo o boletse fa go sa fela ga ntlo eo e le matlhotlha pelo mo tirong ya bone. 

A re ka dinako tsa dipula tiro eo e nna bokete le go feta ka dikgong tse ba apayang ka tsone di a bo di kolobile. O boletse fa ba apeela bana ba le 351 a akareditse le ba ba nnang mo sekolong.BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Atomic Thaba

Location : Xauxau

Event : Potsolotso

Date : 02 Feb 2015