Breaking News

Dikomiti di kopa go okelediwa dikatso

02 Feb 2015

Maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ya Maokane le Lorolwane mo kgaolong ya borwa ba kopile puso go ba akanyetsa ka go ba okeletsa dikatso tsa bone ka ba dira ditiro tsa ditlhabololo bogolo jang tsa dikago.

Ba kopile gore lemmenyana la bone le lekane madi a ipelegeng a e leng P500. Ba kopile jalo mo diphuthegong tsa kgotla di buisiwa ke mopalamente wa bone wa Mmathethe/Molapowabojang, Dr Alfred Madigele.

Maloko ba boletse fa e le bone palamente ya motse, ba amogela baeng ebile ba lekodisa puso ka ditlhabololo tsa metse. Ba boletse fa ba tlhokomela dithoto tsa puso le go thusa ba boipelego ka go seka seka batho ba ba tlhokang thata mo metseng.

Le fa gontse jalo dikomiti di ngongoregile ka go tla morago ga didirisiwa tsa dikago tse ba boletseng fa di diya dikago go felela. Ba boletse gape gore go tlhaela ga metsi le gone go na le seabe mo ditlhabololong. Ba kopile puso go thusa ka go tshela sekonotere tsela ya Jwaneng/Maokane le ya Motlhalawakgomo/Lorolwane.

Ba ngongoregile ka maphata mangwe a a sekeng a isa ditlamelo ko go bone mme seo se dire gore ba emele mapalamente go buisa diphuthego, ke sone se dikopo le matshwenyego di nnang di ntsi thata mo diphuthegong.

Le fa gontse jalo mopalamente yo ebileng gape e le mothusa tona ya botsogo o boletse fa lefatshe le ntse le le mo kwelong tlase ya itsholelo mme a bolela gore fa e tokafala puso e tlaa tsweledisa lenaneo la ditlhabololo fa le neng le eme teng.

Fa a itabaganya le tsa botsogo Dr Madigele o boletse fa puso e ikaeletse go godisa dikokelwana tsotlhe mo Botswana go nna dikokelo. 

O boletse fa seo se tlaa dira gore go nne le bodiredi jo bo lekaneng le ditsompelo tsotlhe tsa botsogo.

O boletse fa a buile ka ditsela ko palamenteng gore di dirwe mo kgaolong ya gagwe ka gore kgaolo ya gagwe ke ya balemi-barui ba ba ntshang dijo tse di ntsi. 

O boletse fa seemo sa madi se tokafala thata mme ditlhabololo tse di sa bolong go solofetswa di tlaa dirwa ka ponyo ya leitlho.

Mothusa tona o ngongoregile ka maduo a ditlhatlhobo mo dikoleng tse di potlana mo kgaolong ya gagwe a bolela fa Lorolwane e di goga kwa mogatleng. O boletse fa batsadi ba sa thuse barutabana mo thutong ya bana ba bone. A re o tla ipha nako go kopana le bone go baakanya seemo seo. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetla

Location : KANYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 02 Feb 2015