Breaking News

Dikago tsa puso di tlaa gokelwa motlakase

02 Feb 2015

Tona wa Lephata la Meepo, Kgotetso le Metsi, Rre Kitso Mokaila o solofeditse banni ba Ikongwe mo kgaolong ya Shshong gore dikago tshotlhe tsa puso di tlaa gokelwa motlakase mo bogaufing.

Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama, Rre Mokaila o tlhalositse gore e tlaa re mo ngwageng wa madi o o tlang wa 2015/2016, dikago tshotlhe tsa puso di akaretsa matlo a barutabana le di kago tse dingwe tsa puso ba di gokelele motlakase.

Rre Mokaila a re e re ntswa motlakase o feta fa thoko ga motse wa bone go tsere puso lobaka go gokela ntateng ya letlhoko la madi. Le fa go ntse jalo o ne a ba tlhagisa gore motse otlhe o gokelwe go ne go tsile go tsaya lobaka gongwe mo dingwageng tse di tlang.

Rre Mokaila o ne a araba modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse oo, Rre Onyaditse Sepane yo o neng a itela gore motse wa bone ga o na motlakase le ntswa dipale tsa motlakase di feta gaufi le motse wa bone.

Rre Sepane o ne a ikuela gape gore e e ntswa ba bona dithuso di tshwana le dipilisi tsa diritibatsi tsa di ARV, ba sokola go ya Shoshong go ya go bona ngaka.

E rile fa a araba selelo se, tona wa lephata la botsogo Mme Dorcus Makgatho a tlhalosa gore ke maitlamo a bone gore ba katolose ditlamelo tsa botsogo go ya kwa bathong.

Mme Makgatho o ne a ba netefalatsa gore e tlaa re kgwedi e e tlang ya Tlhakole e simologa ba simolole gore ba etelwe ke ngaka mo motseng wa bone gangwe fela mo kgweding go thusa bao ba ba sa kgoneng go ya Shoshong.

O ne a tlhalosa gore ke maikaelelo a bone gore e re ngwaga wa ditogamaano tsa ditlhabololo tse di tlang tsa NDP11 ba tlhabolole dikokelwana tsotlhe go nna dikokelo.

Fa a akgela banni ba motse oo ba ne ba supa ka fa tshwenngwang ke diphologolo tsa naga ka teng ba re di ba senyetsa kwa masimo gape di ba jela leruo.

BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgathi

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 02 Feb 2015