Kgosi o rotloetsa batsadi go ruta bana ngwao
01 Feb 2015
Batsadi ba rotloeditswe go ruta bana ngwao ya Setswana gore e re ba gola ba e tshegetse le gone go sala morago ditsamaiso tsa ngwao ya bone.
E rile Kgosi Oscar Mosielele a bula ntlo ya ngwao kwa sekolong se sebotlana sa Artesia bosheng, a supa fa Setswana se nyeletse e bile le tsone ditso di sa tlhole di itsiwe.
A re Batswana ba beile ngwao ya bone ka fa mosing e bile bangwe ba tlhajwa ke ditlhong go diragatsa ngwao ya bone a tlatsa ka gore seo se ka babalela bojanala jwa lefatshe leno ka jaana bajanala ba tla mono go bona ngwao ya Batswana.
Kgosi Mosielele a re ka jalo puo ya Setswana le yone ga e sa fiwa tlotla e e tshwanetseng ka go bua sekgoa thata go na le gore re rute batswakwa teme ya rona ya Setswana gore e nne le seriti se se e thswanetseng.
A re e re ka jaana ngwao ya Setswana e humile e tshwanetse ya rutwa bana ka jaana tshaba e e senang ngwao ke moka e suleng.
O ne a rotloetsa batsadi go ruta bana ngwao a tlatsa ka gore ntlo eo ya ngwao e thswanetse ya dirisiwa go supa le go kaela bana ngwao e ba sa tlholeng ba e itse.
Kgosi Mosielele a re e le magosi tiro ya bone ke go somarela ngwao, go e boloka le gone go bona gore e salwa morago.
“Bana ba malatsi a ga ba itse ngwao ka lebaka la dithuto tsa gompeino, mme go mo go rona batsadi gore re ba rute ngwao le ditsamaiso tsa yone gore sesha se seka sa hupetsa ngwao ya Setswana”, ga bua Mosielele.
A re temo mo lefatsheng la Botswana e tsweletse ka go wela tlase ntswa ka Setswana motho o tshwanetse a lema gore a kgone go ijesa e bile fa Batswana ba ne ba ka tlhwaafalela ngwao ya bone go ka bo go sena mathata a goromente a kopaneng le one a go abela batho dijo.
Kgosi o ne a supa fa ngwao e fetoga mo tsamaong ya nako mme ga re a tshwanela gore re ithothore Setswana sa rona ntswa re tshela mo dipakeng tsa sesha.
A re matlo a Setswana a tshwanetse go boela mo tirisong gore bana ba tle ba a itse le go lemoga boleng jwa one.
Kgosi Mosielele a re banni ba motse wa Artesia ba supile se Botswana e leng sone mme a akgola ba mokgatlho wa 09&2010 burial society ba ba agileng ntlo eo ya ngwao.
A re ba Brand Botswana ba tshwanetse ba ka bo ba le teng ka jaana Setswana e le sone se dirang Botswana gore a nne se a leng sone.
Mme Stompie Gouwe yo e leng modulasetilo wa mokgatlho o o agileng ntlo eo ya Setswana, a re moono wa bone ke go rurifatsa gore bana ba nna le thuto ya ngwao ya Setswana.
A re ba ne ba dira jaana go tshegetsa letshego la Tebelopele ya 2016 le le reng “tshaba e e rutegileng e bile e na le kitso”, a tlatsa ka gore bana ga ba dire sentle mo dithutong tsa bone le mo go sone Setswana tota a re seo se tlaa ba thusa go ya pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Artesia
Event : Pulo ya ntlo ya ngwao
Date : 01 Feb 2015






