Barekisi ba re ga ba itse mananeo a dithuso
01 Feb 2015
Bagwebi ba majalwa a setso kwa Gumare ba boletse fa ba ne ba sa itse fa go na le mananeo a mangwe a itshetso a a ka ba ntshang mo lehumeng kwa ntle ga go rekisa one majalwa.
Ba boletse mo dithuto puisanong tse di neng di rulagantswe ke mokgatlho wa Women Against Rape (WAR) kwa Gumare maabane gore, ere ka ba sa le ba simolotse go itshedisa ka go gweba ka thekiso ya majalwa a setso ke gone ka moo ba tsayang gore ke one fela mothale wa itshetso.
Mme Pono Mothibi wa mogwebi wa majalwa, a re o sale a simolotse go gweba ka majalwa a setso a akaretsa khadi le chibuku go tloga ka ngwaga wa 1996 morago ga polao ya dikgomo mo kgaolong ya Nhabe ka maiteko a go nyeletsa bolwetse jwa lekgwafo ka go bona gore go thata, e a reng ka yone o kgonne go tsenya bana ba gagwe sekole le go dira ditiro tse dingwe tsa mo gae.
“Tota ke hakgamaditswe ke go utlwa gotwe puso e kgona go neela motho madi go itlhamela ditiro jaaka go foroma setena, go apaya borotho le gone go roka tota,”Mme Mothibi a tlhalosa jalo.
A re, e rile puso e tla ka molao wa go laola thekiso ya majalwa a setso mo malwapeng a tsaya gore puso e leka go fedisa majalwa a setso fela ka gore o ne a sa tlhaloganye fa go na le mananeo a mangwe a itshetso a puso e a neelang setshaba mahala.
Mme Gakekgatlheope Morotsi a re ka ntata ya go tlhoka kitso ke gone mo go ba digetseng mo lemeneng la go rekisa bojalwa botshelo jotlhe a bo a supa gore morago ga dithuto tseo o tla a inaakanya le maphata a a tshwanetseng go mo thusa.
Bomme bao ba iteetse legofi mokgatlho oo ka go ba tsisetsa dithuto tse di ba butseng matlho ba bo ba kopa gore ba tswelele ka go tsibosa morafe wa kgaolo ya Nhabe ka bophara gore mo isagong bangwe ba tswe mo kgwebong ya majalwa go inaakanya le mananeo a mangwe a itshetso.
Mongwe yo o lobileng maina a gagwe ebile a bua a putsaputsa dikeledi mo matlhong a gagwe, o boletse mo potsolotsong gore, o utlwa botlhoko go bo a nnile le seabe mo go rotloetseng dilo tse di sa siamang mo motseng wa gagwe ka go rekisa bojalwa jo bo felelang bo ntsha batho mo sethong.
Bagwebi bao ba dule ka moono wa go tlhama mokgatlho go nna lentswe la bone, go rekisa majalwa a setso ka tlhotlhwa e e tshwanang, mme ba kopa makgotla a tshwana le leo le puso go tswelela ka dithuto tsa mofuta oo go leka go sokolola le go lemotsha batho ka botlhokwa jwa go sa ikaegeng ka kgwebo ya majalwa fela go tshaba ditla morago tse di sa siamang.
Lefa gontse jalo, maloko a VDC ba kopile bagwebi bao go ipopa setlhopha le gore go nne le lefelo la marekisetso a majalwa a setso kwa bagwebi ba tlaa ntshang lemmenyana le gore setlhopha se letlelelwe go rekisa selekanyo sa sekupu sa dilithara tse di masome a mabedi le botlhano fela ka letsatsi.
Ba bile ba supa matshwenyego ka itontelo majalwa e e feteletseng e felela e baka tlhakanelo dikobo e e sa sireletsegang le kanamo ya malwetse a bo HIV/AIDS le a mangwe ga mmogo le kgokgontsho ya bomme le bana mo motseng wa bone.
E ne e rile pele, motlhatlhelela dithuto wa mokgatlho oo, Rre Gabalape Tauejele a bolela gore maikaelelo a dithuto tseo ke go tsibosa morafe ka botlhokwa jwa go fokotsa dino tagi, kgokgontsho ya bomme le bana le kanamo ya bolwetse jwa HIV/AIDS ka maikaelelo a go tsosolosa kagiso le thitibalo mo malwapeng a Setswana jaaka go ne gontse goo lowe.
A re, e re ka dintlha tse tharo tseo di gokaganye ke gone ka moo go tlhokafalang gore morafe o tle ka maano a motiya a go leka go di lwantsha mo metseng ya bone. A bo a gwetlha bagwebi bao go tla ka megopolo e mengwe ya itshetso go na le go ikaega fela ka ya thekiso ya majalwa.
“Nkutlweng sentle, ga kere lo seka lwa gweba ka majalwa ka jaana lo sale lo itshetsa ka one, mme fela batlang maano a mangwe a itshetso ka go dirisa mananeo a puso go itshetsa ka one,” a gatelela jalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Rebecca Katjimure
Location : GUMARE
Event : Thuto puisanyo
Date : 01 Feb 2015






