Go gweba ka mmele kwa Chobe go a tshwenya
01 Feb 2015
Mopalamente wa kgaolo ya Chobe, Rre Ronald Shamukuni o boletse fa a tshwenngwa ke go golela pele ga kgwebo ya go ithekisa mmele ga bangwe mo kgaolong ya gagwe.
O boletse se mo phuthegong ya kgotla kwa Kazungula bosheng. Mopalamente o boletse fa kgwebo e, e ne e tlwaelesegile thata ka batswakwa mme jaanong seo se fetogile ka Batswana le bone ba setse ba inaakantse le yone.
O ne a ba gakolola go inaakanya le go batla ditiro kwa borogong jo bo agiwang go kgabaganya noka ya Zambezi. “Kago ya boroko e tloga e simolola mme a re boneng gore re a ikatumetsa ka moono e le go tlhama ditiro,” a ba gakolola.
Rre Shamukuni o ne gape a leboga banni go bo ba nnile le seabe mo ditlhophong le go diragatsa tshwanelo ya bone ya go tlhopha. O ne a ba itsise fa Palamente e sekaseka molao wa go kwadisa dikereke fa di na le maloko a le makgolo mabedi le masome a matlhano e seng lesome le le ntseng le dirisiwa.
Banni ba ile ba supa fa palo eo e le nnyennyane, ebile e tlhoka go okediwa go nna makgolo mararo kana go feta.
Kgosi Morgan Makhanga, fa a lekodisa mopalamente o ne a mmolelela fa sekolo se se botlana sa Kazungula se pitlaganye mme ba tlhoka go agelwa sekolo se sengwe ka gore motse wa bone o a gola.
O ne a ikuela gape gore Kazungula Newstance ga e na metsi le motlakase mme le kokelwana le yone a re e nyenyane ga e ba lekane.
Fa banni ba lekodisa mopalamente ka matshwenyego a bone, ba ne ba supa fa ba sa itumedisiwe ke dithuso tsa lephata la ditsha.
Rre Keitheng Jakoba, yo e leng monana o ile a tlhalosetsa mopalamente fa dikgwebo tsa banana di tswetswe tsotlhe ka gore ditsha tse ba di fiwang di le kwa sekgweng kwa go senang metsi, motlakase le ditsela.
Mme Gababonwe Ntema ene o ne a bolela fa ene tshimo ya gagwe e ngathilwe mme le gompieno a ise a duelwe ke ba lephata la ditsha.
Rre Simasiku Matengu o ne a supa fa a sa jesiwe diwelang ke sepatela sa Kasane, mme o boletse fa seemo sa sepatela se tshwenya ka gore dikago tsa sone di setse di tsofetse le dithuso tsa sepatela di sa tswe sentle ka gore ba kgona go tlhoka melemo teng.
Mopalamente Shamukuni o ne a tlhalosa fa a tsere Mothusa Tona wa botsogo Rre Alfred Madigele go ya go bona seemo sa sepatela mme a iponela ka a gagwe matlho seemo sa sepatela se fa se le maswe mme go tlhokega se sesha.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bokamoso Khumo
Location : KAZUNGULA
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 01 Feb 2015






