Madigele o rotloetsa balwetse go itlhaganelela dikokelo
01 Feb 2015
Mothusa tona wa botsogo, Dr Alfred Madigele o boletse fa go itlhatlhoba le go ikalafa kwa dingakeng tsa setso go se molato mme mathata e le go diega ko go bone go fitlhela bolwetse bo kekela.
Dr Madigele yo e bileng gape e le mopalamente wa Mmathethe/Molapowabojang o buile jalo ko diphuthegong tsa kgotla kwa masimong a Kanngwe le motsana wa Tsoaneng bosheng.
Maikaelelo a diphuthego tsa gagwe ke go lere malebo go bo b a mo rumile ko palamenteng le go tsaya dikopo tsa bone go di isa ko palamente e e tlang.
Mo puong ya gagwe o boletse fa Batswana ba rata bongaka jwa setso mme e re bo sena go palelwa ba sianele kwa di kokelong go setse go le maswe mme e re molwetse a tlhokafala ba bitse kokelo sebolaelo le mororo ba diegile ka molwetse.
Mothusa tona o rotloeditse Batswana go etela dikokelo go itlhatlhobela malwetse mangwe le mangwe le fa ba sa lwale.
O boletse fa malwetse a a tshwanang bolwetse ja sukiri, madi a matona le bo kankere a le borai thata ebile ke one jaanong a apesitseng setshaba kobo ka letshoba.
Dr Madigele o ba boleletse gore puso e mo lenaneong la gore e godise dikokelwana tsotlhe mo Botswana go nna dikokelo fa seemo sa madi jaaka se tokafala jaana.
O boletse fa kokelwana ya Tsoaneng e le mo lenaneong ebile madi a yone a bonetse.
O boletse fa go etela dikokelo ke batho fela go thusa puso mo ditogamaanong tsa yone ka gore dipalo di tlaa supa gore batho teng ba batla thuso ya tsa botsogo ka bontsi jo bo kafe.
E ne erile go le pele banni ba kopa kokelo ya Kanngwe e atolosiwe e nne le baoki ba ba lekaneng ba bolela fa ba nna ko masimo ba lema mme ba tshabelelwa ke go longwa ke dinoga mo ba batlang kokelo e nna le ditsompelo tsotlhe.
Banni gape ba kopile ditlhaeletsanyo gore di ngoke banana go nna ko masimo ba dire tsa temo-thuo. Ba kopile tlhabololo ya ditsela gore ba oke bareki ba dijo tse di tswang mo masimong a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 01 Feb 2015






