Mapodisi a Werda a tlhotlhomisa bogodu
01 Feb 2015
Mapodisi a Werda mo kgaolong ya Kgalagadi a mo patlong ya banna bangwe mabapi le bogodu jwa dikgongwana tse tlhano.
Mo potsolosong bosheng, mookamela mapodisi a Werda, Superintentent Mompoloki Ramatsia a re tiragalo eo e diragetse kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome a mabedi le boraro.
Superintendent Ramatsia o ne a tswelela ka go tlhalosa fa baboni ba tiragalo eo e le bangwe ba mapodisi a a neng a dikologa motse oo, le e e mabapi ba etse seemo tlhoko.
Mookamela mapodise a Werda o supile fa mapodise ba ne ba belaela koloi nngwe ya modiro wa Isuzu e e bulegileng e e neng e pegile dikgongwana tse ka nako ya lesome le bobedi bosigo gare ka nako e loruo lo sa letlelesegeng go tsamaisiwa ka yone mme ba e sala morago.
Rre Ramatsia o kaile fa e ne ya re fa babelaelwa bao ba bona mapodise ba phuaganya koloi eo mo sekgweng mme ba le botsa phokoje.
O kaile fa mo nakong ya gompieno ba kgonne go tshwara mmelaelwa a le mongwe fa ba sa ntse ba le mo patlong ya ba bangwe fa ditlhotlhomiso tsa mapodise tsone di sa ntse di tsweletse.
O boletse fa babelaelwa bao ba tlholega teng mo motsing wa Werda. Supurintendent Ramatsia o tlhomamisitse fa dikgongwana tseo di le tlhano ka palo tse ditonanyana di le nne le e le nngwe e namagadi mme a kopa setshaba go ya go di bona kwa diofising tsa sepodise kwa Werda.
Mookamela mapodise a Werda o supile fa ka lesego morui mongwe a kgonne go lemoga kgongwana ya gagwe e le nngwe, le gore ba setse ba bone le mong wa koloi e e neng e pegile dikgomo tseo.
Mabapi le tiragalo eo Supurintendent Ramatsia o ne a gakolola barui go tshuba loruo lwa bone ka matshwao a bone ka dinako tsotlhe ka dikgongwana tseo di sa tshubiwa, a kaya fa seo se thatafaletsa mapodise tiro ka go se motlhofo go batla beng ba lone fa lo utswilwe.
O ne a tlatsa ka go kopa gape barui go tlhokomela loruo lwa bone kwa merakeng kgapetsakgapetsa go na le gore ba bee mokgweleo otlhe fela mo badiseng ba bone go fokotsa tshenyo.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Werda
Event : Potsolotso
Date : 01 Feb 2015






