Tshwarang bokgola jwa pula
20 Dec 2012
E re ntswa letsema le boloditswe balemi bangwe go lebega ba tlhopha go letela gore bojang jwa ntlha bo tlhoge ke gone ba itse go lema.
Ba lephata la temo thuo ba rotloetsa balemi go itlhaganelela go tshwara bokgola jwa ntlha ka go lema. Rre Boutlule Kealatotse, moanamisa mafoko wa lephata la ditshekatsheko la temo thuo mo kgaolong ya Nhabe a re monongwaga ba lemogile pharologanyo.
Rre Kealatotse o boletse gore mo dingwageng tse di ntseng di feta balemi ba Etsha 6 go tsena 13 ba ba neng ba rata go emela bojang go tlhoga pele, ba ile ba iketleetsa thata monongwaga.
A re e re ntswa go nnile le leuba mo dikgaolong dingwe tsa Nhabe, ba lephata la tepoloapi ba kaile fa go na le tsholofelo ya gore pula e tlaa nna teng monongwaga mo kgaolong eo.
Rre Bautlule o bile a re balemi ba molapo kwa Gumare le kwa Dikgatlhong bone ebile ba simolotse go ja dijo di tshwana le mmidi le makgomane, selo se a reng se ka bo se diragala le kwa Boro mme ka maswabi balemi ba koo ba ne ba kobiwa ke morwalela mo masimong a bone.
Fa a tlatsa a re puso le yone e setse e rometse terekere ya ISPAAD kwa Gumare gore ba kgone go dirisa lenaneo la puso.
O rotloeditse balemi go simolola go lemela thekiso a re se e ka nna nngwe tsela ya nyeletso lehuma go na le go lemela go ja fela ka dinako tsotlhe.
A re ba itumeletse thekiso ya balemi ba Okavango ngogola, ba ba rekisitseng dithane di le masome mararo tsa lebelebele. BOPA
Source : BOPA
Author : Mercy Sauzoo
Location : MAUN
Event : Phuthego
Date : 20 Dec 2012






