Mapodisi a tlhotlhomisa bogodu jwa semente
01 Feb 2015
Mapodisi a Sehithwa a tshegeditse banna ba babedi go ba thusa ka dithothomiso tebang le bogodu jwa dikgetsi tsa semente.
Mothusa mapodisi a Sehithwa, Rre Moutlwatsi Ikobeng o boletse mo potsolotsong fa ba tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano go ba thusa mo kgannyeng eo.
A re go ne ga fitlhelwa monna yoo wa dingwaga tse di masome mararo le bongwe ka dikgetsi tseo tsa semente, yo o neng a tlhalosa fa a di rekile mo go rre wa modisa dikago.
Rre Ikobeng o tlhalositse fa monna yo o rekisitseng dithoto tseo le ene a tshegeditswe go thusa mapodise, fa ditlhomiso di tsweletse.
Rre Ikobeng o tlhalositse fa go ne ga begiwa fa sebeelo sa madirelo a kompone e e thapilweng go baakanya mafaratlhatlha a motlakase mo Sehithwa e thubilwe ga ba ga utswiwa dikgetsi tsa semente di le tlhano ka Sontaga o o fetileng.
A re go reka dithoto tsa bogodu go tshwana le motho a utswile mme a re go ka atlholelwa lebaka le le sa feteng dingwaga tse tlharo mo kgolegelong.
O ne gape a gakolola setshaba go nna podi matseba fa ba reka dithoto mo bathong, a re ba tshwanetse go rurifatsa gore a ke tsa batho bao kgotsa go loma mapodise tsebe fa go belaetsa.
Rre Ikobeng o ne gape a tlhalosa fa bogodu ja leruo bo le bontsi mo kgaolong ya Ngami, mme a re seemo seo se befediwa pele ke go bo batho ba sa tlhokomele lereuo la bone, le sa tlhatlhelwe le bosigo tota.
O ne a re ba nna ba rotloetsa barui gore bogolo ba tshwae leruo la bone go lwantsha seemo sa borukutlhi.
Rre Ikobeng o ne gape a gakolola barui go rua dintsa tse di disang go thusa go tlhokomela dihutshane.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Sehithwa
Event : Potsolotso
Date : 01 Feb 2015






