'Godisetsang bana mo tumelong'
01 Feb 2015
Banni ba Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba itsisitswe fa go godisetsa ngwana mo Modimong e le tsela e e molemo, e e ka thusang go lwantsha dikgwetlho tse di tshwanang le go tlhoka tsebe le go itaola ga bana.
Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa motseng oo bosheng, mopalamente wa kgaolo eo, Rre Ngaka Ngaka o kopile batsadi go okela bana kwa dikerekeng, a kaya fa go tlogela bana ga batsadi bangwe fa ba ya dikerekeng go sa supe boikarabelo jwa go aga boeteledipele jwa kamoso.
Rre Ngaka a re fela jaaka Motswana wa pele a supile gore lore lo ojwa lo sa le metsi, setshaba se tshwanetse sa simolola gone kwa dikerekeng.
O ne gape a kopa batsadi go neela bana lerato ka dinako tsotlhe, a re seo se tlaa dira gore le bone ba lemoge fa batsadi ba kgathala ka bone.
A re gantsi bana ba ba golang ba sa neelwe lorato kwa lwapeng ba thatafalelwa ke go tlhaloganya gore fa go buiwa ka lerato la Modimo go buiwa ka eng ka ntlha ya go tlhoka bokaedi le thuto go tswa mo botsading,a kaya fa seemo se se sa siama ka ke sone gantsi se gogelang bana mo thaelong ya go dira ditiro tse di duleng mo tseleng.
Rre Ngaka o ne a gatelela se morago ga gore Kgosi Makgabane Tsiane a supe fa ba sa tsosiwe ke boitaolo jwa bana ka ba ikamantse le ditiro tsa botlhokatsebe di tshwana le go itontela nnotagi le dipolaano tsa marato.
Fa ba tswa la bone, banni ba ne ba dumelana le mopalamente wa bone ka bongwefela jwa pelo ba kaya fa se a se buang e le nnete mme ebile go le maleba gore ba rute bana go ikanya le go nna le tshepho mo Modimong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 01 Feb 2015






