Kgosi o kopela morafe didiba
29 Jan 2015
Kgosi ya Omaweneno kwa kgaolong ya Kgalagadi, Rre Samuel Bimbo, a re e re le ntswa motse wa gagwe o lebanwe ke letlhoko la metsi lentswa go na le didiba tse di ntseng fela di sa dirisiwe.
Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Kgalagadi Borwa e bile e le mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Frans Westhuizen bosheng, Kgosi Bimbo a re motse wa gagwe ona le didiba di ka nna tlhano mme ga go sepe mo go tsone se se thusang morafe.
A re ka puso e phuthulotse letsogo mo go thuseng banana go ba namola mo lehumeng, ba lebanwe ke dikgwetlho tsa go tlhoka fa ba nosang teng mo ba felelang ba siela leruo la bone mo malwapeng.
Kgosi Bimbo a re gona le didiba ditshwana le sa matimela se se dirisiwang gangwe morago ga lebaka le sengwe se se kileng sa fiwa monana mongwe mme morago ba lephata la metsi ba se tsaya gore se nne ka fa tlase ga tlhokomelo ya bone, a re didiba dingwe di mo masimong a batho mme disa dirisiwe.
Ka jalo Kgosi Bimbo are fa puso e ka ba utlwela botlhoko ya seka seka gore a banana ba ka seke ba ipope ditlhopha mme ba fiwa didiba gore ba di dirise, a tlatsa ka go supa fa ba koporase ya metsi le bone ba sa fe bao ba ba sielang leruo la bone metsi mo malapeng boroko.
Fa tsibogela seo mogolwane go tswa ko go ba lephata lametsi Rre Lae Bachoni tiro ya lephata la gagwe ke go kwadisa le go okamela didiba gona le go siela batho metsi jaaka bontsi bo akanya.
Rre Bachoni are gona le didiba tse dintse e seng fela mo motseng wa Omaweneno mme mo kgaolong ya Kgalagadi ka kakaretso tse disa kwadisiwang, ka jalo se ke sengwe se se dirang gore kabo ya didiba tse diseng mo tirisong e ba ketefalele.
Are mabaka a gore e be gonale didiba tse dintsi tse disa kwadisiwang ke gore o fitlhela motho ana le didiba tse dintser mme a akanya gore fa a ka dikwadisa tsotlhe dingwe dika gapiwa ka jalo a kwadise se le sengwe.
One a tlatsa ka gore bone ele lephata ga bana thata epe ya go gapela batho didiba mme sa bone ke go di kwadis ale go di okamela fela.
Ka jalo one a kopa bao ba bas a kwadisang didiba tsa bone go dira jalo gore lephata le tle le itse gore gona le didiba kae dile kae gore ere fa ba seka seka gore ba ka aba jang didiba ba bob a itswe gore di kae le gone di kahe.
Rre Bachoni o a tswelela ka gore sediba se Kgosis Bimbo a buang ka sone ke nnete o a se itse ibile ke nnete bane ba se tsaya go se tlhokomela, are sediba se sene sa nna seba se sa dirisiwe mme ba se tsa go se okamela.
Are sediba sa matimela sone tiro ya son eke go nosa leruo la matimela.
Fa a tswelela Rre Bachoni are gona le lenaneo le le tswetseng kgaolo ya kgalagadi la gore ka kgaolo eo e dira sentle fela thata mo go tsa thuo bato ba fiwe didiba tse ba tla mosang mo go tsone mme are o fitlhela batho ba ikwadisa ka bongwe ka bongwe, ka jalo are ga gona didiba tse di lekaneng go ka abela batho didiba ka bongwe ka bongwe.
Are o rotloetsa batho segolo banana go ipopa ditlhophanya mme ba dire ikopelo are ke ka jalo fela fa kabo ya didiba e ka nna bonolo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Oteng Gabankalafe
Location : OMAWENENO
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 29 Jan 2015





