Breaking News

Mzwinila o kopa megopolo

29 Jan 2015

Banni metse ya Tamasane, Kgagodi, Diloro le Mogapinyana ba kopilwe go ntsha megopolo ya bone mo molao kakanyetsong wa gore dikereke di kwadisiwe fela fa maloko a tsone a tshwara 250 kana go feta foo.

Ba kopilwe jalo ke Mopalamente wa kgaolo ya bone ya Mmadinare Rre Kefentse Muzwinila bosheng fa a ba etetse kwa metseng ya bone a buisa diphuthego tsa kgotla,are puso e tsere tshwetso e ka lebaka la go bona dikereke di runya gongwe le gongwe.

Mopalamente a re puso e emisitse lekgetho la kgethiso dithoto mo dijong tse dingwe jaaka borotho, phaletshe,maungo, merogo,le dilo tsa temo.  Erile a bua ka lenaneo la ditlhabololo la bo lesome are bone ele Palamente ba dumalane gore le sotisediwe kwa go 2017 mme la bo lesome le motso le tla simolola fa le wela.

Kgang e ngwe are keya gore bana baba sa duelelwang kwa sekolong ba seka ba tewa sepe ka dituelo tseo go buiwe le batsadi ke bone ba duele ka gore ngwana gase ene yoo ituelelang .  

One a bolela gore kwa palamenteng o tsentse dipotso dile mmalwa nyana jaaka ya gore go agiwe borogo fa gare ga Tobanye le Tshokwe le ka gore go itebagangwe le gore go ka thamelwa banana ditiro jang go ba ntsha mo lehumeng,a bolela gore a makgotla a bo CBO a atolosiwe gore go tlhamelwe banana ditiro.        

Kwa Tamasane modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Rre Fredrick Moedi are bane ba kopa gore ba bereki ba ipelegeng ba okediwe.

One a itsise mopalamente gore bone ke komiti e ntsha ke gone ba simololang tiro mme ba fitlhela modulasetilo le motshwara madi ba ba gologolo ba ikadimile madi o tlhe a VDC jaanong bone ba fitlhela go sena madi a go baakanya mantlo gore batho ba kgone go tsena.  

Fa kwa mogapinyana gone modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Florah Shimako ene ane a bolela gore bone ba lebogela mananeo a puso la Ipelegeng le la Tirelo sechaba are le one a thusa thata mo go namoleng batho lehuma. Are ba kopa motshela kgabo mo motseng wa bone.

Are ba a sokola mo motseng wa bone ga bana kokelwana ba elatela fela kwa Maokatumo jaanong batsadi ba a tlhaela le fa motho a lwala gonna le bothata jwa gore a e teng fa go sena sepalamo sese ka mo thusang go ya teng.

Erile a araba dipotso tsa bone Mopalamente are o utlule mme otla di isa kwa go baba lebanyeng o tla ba busetsa phetolo fa a tla. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 29 Jan 2015