Breaking News

'Batlelang dikgomo kwa Makalamabedi'

29 Jan 2015

Mogolwane wa mapodisi a Maun, Superintendent Peter Gochela, o kopile barui ba kgaolo ya Nhabe go tsamaela kwa sakeng la Makalamabedi kwa kgaolong ya Bokone Bophirima go ya go leba dikgomo tse 88 tsedi tshwerweng koo ka Labotlhono wa beke e e fetileng.

Mo potsolotsong Superientendent Gochela a re bane ba longwa tsebe ke mongwe ka Labotlhano gore o bonye banna ba babedi ba gatelela dikgomo tseo mme yare ba goroga koo borre bao ba lebotsa phokoje.

A re ba santse ba le mo patlong ya borre bao a tlatsa ka gore ba ba utlwalelwa kwa Maun a ba a re ba solofela fa ba tlaa ba tshwara mo nakong e khutshwane. A re dikgomo tseo ke marole a le 45 le dikgomo tse di tona di le 43 selo sa a reng ke sone se se ba dumedisang thata gore ke tsa bogodu ka jaana maroloe a feta dikgomo.

O tlhalositse fa ditshipi tsa dikgomo tseo di farologanye go supa fa e se tsa lesaka le le lengwe, a re dine di tlhatlhetswe mo lesakeng lengwe kwa merakeng ya Samedupi mme le mmongwa lesaka leo o santse a batliwa.

Otsweletse a re bogodu jwa leruo bo a tshwenya mo kgaolong eo, mme a re le gale bo mo taolong ka gole gantsi ba kgona go tshwara badira melato, a tlatsa ka gore fa motho a tshwarwa e le lantlha mo molatong oo o atlholwa dingwaga tse tlhano (5) mme fa go lebega gore ga se lantlha ke dingwaga di supa (7) ka na gofeta.

O boletse fa tlhokomelo ya dikgomo tseo ka go dijesa le gone go bona gore ga ditsene gape mo diatleng tsedi sa siamang e tlaa tswelela e le mo diatleng tsa bone go fitlhelela batshwara ba belaelwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : MAKALAMma

Event : Potsolotso

Date : 29 Jan 2015