Banana bangwe ba Maralaleng ba itirile maarogi
29 Jan 2015
Bogogi jwa Maralaleng kwa kgaolong ya Kgalagadi bo ne bo tshwere phuthego kwa kgotleng ya motse oo bosheng go leka go tswa ka maano a ka fa ba ka dirang ka teng go bontsha banana bangwe ba motse oo bomosola jwa go tsena diphuthego tsa kgotla ka ba ipeile moriti o tsididi mabapi le seo .
Kgosi David Megano o na a kgala mogopolo wa banana ba motse oo a re ga ba tsene diphuthego tsa motse. A re banana bao ga ba inaakanye le ditsamaiso tsa motse le fa ele go elana le maikutlo a morafe.
O boletse fa ba intshitse maarogi ebile ba tlhakatlhakanya motse wa gagwe. O kaile fa ba nna ba na le dingongorego, ba le kgatlanong le merero le se se dumalanweng ke morafe ka dinako tsa bokopano.
O ne a supa fa ba ntsha dingongorego tsa bone mo diphuthegong tsa bagolwane jaaka mokhanselara le mopalamente ele gone ba supang fa sa kgotsofaleleng ditumalano tseo lebaka e le gore fa bane ba le teng go ne go bo go sekasekilwe ngongorego eo.
A re selo seo ke go dira jaaka o kare ba aba tlontlolola ebile ba palelwa ke tiro le ntswa ba leka ka bojotlhe go sa leseletse diemo tse di mo motseng. O ne a tswelela ka gore mo go paledisa bogogi jwa motse tharabololo ya dikgwetlho tse di mo motsing le go dira ka tshosologo le bone.
A re banana bao ba itiya le gone go tsaya mananeo a puso kana dikarolo mo bodiragatsing mo go ka ba thusang isago.
Kgosi Megano o ne a akgola komiti ya ditlhabololo a re e ne ya agela banni ba ba kobo dikhutshwane matlo a mabedi le gore mo nakong eno ba tsweletse ka go aga matlo a a ka thusang badirela puso ka maroko ntleng ga thuso epea tlhalosa fa ba rata go ielega.
A re kwa ntleng ga moo ba ne ba abela ba ba tshelang ka mogare ebile ba ikamogetse madi a a kanang ka P1600.00 go tsosolosa kgwebo ya bone ya semausu.
One a tladiwa ke rre Bantlhotse Jampe yo e leng modula setilo wa komiti ya ditlhabololo ka gore banana bao ba setse ba intshitse digongwana tse di dirang borukutlhi jaaka go tsosa dintwa magareng ga bone ba dirisa dithipa le mabotlole go utlwisanya botlhoko.
A bolela gape fa ba tshwenya banana le bagolo ba ba inaakantseng le mananeo a puso ka go ba tseela loruo. A re kwa ntleng ga moo ga ba sa tlhole baa fa bagolo tlotla ka ba nwa bojalo le gone go tlhapatsa mo pele ga matlho a bone mme ebile ba dira tiro e le bagolo bangwe ba motse oo.
O tlhalositse fa mokgwa o o tswelela pele le ba ntse ba lwa ntwa e kgolo ya go emisa tiro e.
Mme Ellen Osenoleng yo a leng mmaya madi wa komiti ya ditlhabololo o ne a gatelela seo ka gore batsadi ba bana bao ba nna kgatlhanong leditshwetso tsa bagogi tse di tsewang go lebilwe diphoso kana ditshenyo tse di ba di bakang mme moo go ba tsenye mowa wa go ingaola le go gogela thoko.
Rre Nelson Dipheko yo o eleng kgosana ya kgotlana ya Boiteko o ne a gatelela mafoko a ga mme Osenoleng ka gore batsadi ba bipa mekgwa le ditiro tsa bana ba bone le ntswa e le bone ba ka tswang ka boammaaruri go fedisa ditiro tse di fatlhang tseo.
Ene ya re go latlhela tlhware logonnyana mothusa modula setilo wa komiti ya ditlhabololo Rre Lucas Lorekang a re borukutli jo bo etelediwa pele ke megala ya lotheka ka e tlhoufatsa puisano magareng ga babelaelwa le tsone digongwana tse go thusanya ka megopolo ya go fenya go tshwarwa ka molato.A re o gakolola bodirela puso go ela tlhoko seo fa ba le mo ditlhotlhomisong.
E rile fa a ntsha la gagwe mme Pateletso Dikole a re go leka go fedisa seo ba tla dira dikomiti tsa banana ka dikgotlana tsa bone gore ba ntshe dingongorego tsa bone mme di tlisiwe mo bagolwaneng go tla go sekwasekwa le go arabiwa go lebilwe le one molao motheo wa lefatshe leno.
A re gongwe mo go ka dira gore banana bao ba bue ka phuthologo ba sa fitlhe sepe le balekane ba bone. A bolela fa ba sekake ba lapa dipelo go rarabolola kgang ya moruthuta e e ka felelang e senya le lone leina la motse mo setshaabeng.
Kgosana ya kgotlana ya Boikhutso rre Fali Gabankalafe e ne o ne are banana ba tsaya mekgwa e e sa siamang mo go ba bangwe ka jalo go ne go ka siama fa katlholo ya banni e ka farologana le batho ba ba tswang kwa ntle ga motse are moo go ka ba itsa go siana le lefatshe ba rutana maretshwa a go dira borukhutlhi.
E ne ya re gole pele modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo a bolela fa ba kopa thusa mo pusong ka go aga lefelo la itloso bodutu mo motsing a re mo go ka tsaya nako e ntsi ya banana mme go ba itse go tsenya matshelo a bone mo diphatseng.
Erile go garela kgang ya bone ba ya ka mogopolo o mongwe fela wa gore ba tla kwalela banana bao dikwalo fa go nale le diphuthego tsa kgotla go tla go leka go botsolosa le go tswa ka megopolo ya go thusanya le go fedisa mekgwa eo le go kopa kemo nokeng ya puso e e tseneletse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keiketlile Kelefhile
Location : TSABONG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 29 Jan 2015






