Mosepele o mora bana
29 Jan 2015
Banni ba Ramokgwebana ba supile matshwenyego ka mosepele o bana ba bone ba o tsamayang go ya kwa sekoleng se segolwane sa Ramoja se se fa gare ga motse wa bone le metse ya Moroka le Jackalas 1.
Fa ba bua mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Tati Bophirima, Rre Biggie Butale, ka Labotlhano banni ba boletse fa seemo se se tshwenya ka jalo se tshwanetse sa potlakelwa.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Godfrey Smile, o ne a itsise mopalamente fa go nale kgonagalo ya gore sekgala se bana ba se tsamayang go ya le go boa kwa sekolong e bo e le sone se diegalng maduo a sekolo seo kwa tlase.
A re gape ka motse wa bone o le gaufi le molelwane wa lefatshe leno le la Zimbabwe, bana bam o diphatseng tsa go tlhaselwa ke dilalome tse di tlolelang mo lefatsheng leno e se ka fa molaong.
Rre Smile a re seemo se se ngomola pelo segolo bogolo ka paka ya mariga ka bana ba tswa mo malwapeng go santse go le lefifi mme maitseboa ba boe letsatsi le sale le diketse.
O ne a kopa puso gape go sekaseka go godisa sekolo sekolo seo gore se felele ka mophato wa botlhano, selo se a boletseng fa se ka thusa go imolola morwalo sekolo se se kwa motseng wa Masunga.
Monni wa motse oo Rre Ishmael Masole le ene o ne a iteela moroko mafoko ao, a bolela fa batsadi bangwe ba fudisetsa bana ba bone kwa dikolong di sele fa ba fetsa lekwalo la bosupa go ba tshabisa go tsamaya sekgala se seleele go ya kwa sekolong.
Ka jalo o tlhalositse fa go tlhatlhosiwa seemo ga sekolo seo ga mmogo le go se agela matlo a boroko go ka tlhomamisa gore dipalo tsa baithuti koo ga di tswelele ka go wela tlase.
Morago ga go utlwa dilelo tsa banni mopalamente Rre Butale o ne a ba solofetsa fa a tla di gorosa kwa go ba ba maleba go ba batlela ditharabololo.
E ne e rile e ba ema pele ka lefoko, a ba itsese fa a tshwentswe ke seemo sa letlhoko la ditiro mo lefatsheng leno.
O ne a supa fa go tlhabisa ditlhong gore le mororo palo ya batho ba lefatshe leno e felela mo seatleng, letlhoko la ditiro le bo le bifile mo go kana.
Rre Butale o ne a supa fa go tlhokega gore go fetolwe melao gore selekanyo se se rileng sa ditiro tsa puso se seegelwe beng-gae gore le bone ba kgone go akola itsholelo ya lefatshe la gaabo.
A re go bo ditiro tse dikgolo tsa puso di fiwa dikompone tsa mafatshe a sele go rontsha Batswana sebaka sa go akola itsholelo la lefatshe la bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : MASUNGA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 29 Jan 2015






