Breaking News

Banni ba lebogela mananeo

29 Jan 2015

Banni ba Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba lebogetse puso go bo e tsweletse ka go itebaganya le dikgwetlho tse di akaretsang letlhoko la ditiro, go nyeletsa lehuma le go tswa ka mananeo a a itebagantseng le banana.

Banni ba buile seo mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Ngaka Ngaka bosheng. Ba re le ntswa mananeo a tshwana le ISPAAD, Ipelegeng a lebanwe ke dikgwetlho dingwe tse di a paledisang go tsamaya ka thelelo mme a tsweletse ka go fetola matshelo a ba le bantsi.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Annah Diatla a re lenaneo la Ipelegeng le belege banni ba motsi oo ka bontsi ka botshelo jwa bone banni bao ba ikaegile ka lone mme a leboga puso go tswelela e thusa Batswana ka lone.

A re ka jaana motse wa bone o lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la ditiro e e kwa godimo,o itumelela mananeo a tshwana le tirelo setshaba le Ipelegeng ka banni ba motse oo go akarediwa banana ba kgona go inosa metsi, mme a ikopela mo pusong gore ba okelediwe dipalo tsa badiri ba Ipelegeng.

Mme Diatla a re ba itumedisiwa ke lenaneo la nyeletso lehuma, mme sebe sa phiri ke gore le goroga ka bonya kwa motseng oo.A re go setse go rutuntshitswe bontsi ka go tsamaisa mananeo a a farologanyeng mme fela go abetswe ba le palo potlana, mme a kopa puso go potlakela go ba thusa.

Mongwe wa banni ba motse, Rre Mogogi Kasefitlhela a re ba lemoga maiteko a puso a go tlhabolola mhama wa temothuo,mme fela ba santse ba ledisiwa ke tlhaelo ya dijo le melemo ya leruo kwa marekisetsong a dijo tsa leruo(LAC).

A re ka dinako tsotlhe morui a ka seke a fitlhele dijo le melemo ya leruo mme se se felele se baka gore ba latlhegelwe ke leruo la bone le ba le abetsweng ka mananeo a tshwana le la LIMID,jalo a kopa ba ba maleba go tsibogela seemo se ka jaana se kgoreletsa maiteko a puso a go ba inola mo lehumeng.

Mopalamente Ngaka o ne a gwetlha banni bao go tsoma methale e mesha ya itshetso. A re ntswa puso e thamile mananeo a a farologanyeng go lebega bontsi bo atile la thuo ya dikgomo le dihutsane,mme ka jalo a ba gwetlha go batla metlhale e mengwe gore ba seka ba lwela mmaraka ba le bantsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 29 Jan 2015