Breaking News

Mathokgwane o leboga morafe

29 Jan 2015

Mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Good Hope/Mabule, Rre James Mathokgwane, o lebogetse morafe ka tlhopho ya bone ya go mo tlhopha go nna mopalamente wa bone mo ditlhophong tse di sa tswa go feta.

Rre Mathokgwane  o dirile tebogo eo kwa Phitshane/Molopo  bosheng jaaka a ne a  buisa diphuthego tsa kgotla mo kgaolong go lekodisa morafe ka tsa palamente e e fitileng le go tsaya megopolo go ya kwa palamenteng e e tlang.

O ba boleletse gore Tautona fa a fa tekodiso ya setshaba ngogola, o ba tlhaloseditse fa ditiro dingwe di ne tsa seegelwa kwa thoko  ka mabaka a kwelo tlase ya itsholelo ya mafatshefatshe, mme a tswelela a tlhalosa seemo se  supa tokafala, ka jalo tsholofelo ke gore ditiro  dingwe di tla a dirwa.

O tsweletse ka go supa gore o tsibogetse seemo sa metsi  mo kgaolong mme a buile  le tona yoo lebaneng  mme go supa diphaephe dinngwe di sa fetise metsi sentle are bogolo jang gone kwa Phitshane/ Molopo mo kgaolwaneng ya tlhaping e a reng metsi ga a tlhatloge sentle a bolela fa ba koporase ya metsi ba mo solofeditse gore metsi a tla goroga kwa motseng oo  mo nakong ee sa fediseng pelo.

A tlatsa ka gore go na le didiba kwa motse wa Leporung di le tharo tse a reng di tla oketsega  go nna nne mme se sengwe se tla itebaganya le go nosa  batho ba Phitshane/Molopo.

Mopalamente o boletse gore diphaephe di thibiwa ke alkaline mme a supa gore bothata jwa metsi ke di phaephe eseng metsi mme a itlama gore o tla sala ba ba maleba morago gore  ba bolele gore go tla siama leng.

O tsweletse a supa gore go na le  seemo se se ngomolang pelo sa metsi kwa sekolong se segolwane sa Goodhope kwa a reng ga na matlwana a boitiketso a mafuti ka jalo  baithuti ba tlamega goya kwa ntle  ga sekolo mo sekgweng  seemo se areng se kgotlela tikologo le go ama thuto ya bana.

Lefa go ntse jalo o  kaile gore ra konteraka e tshwere  go dira go baakanya diphaepe tsa metsi kwa sekolong seo.

E rile a ama tse di amang banana Rre Mathokgwane a re o go tla nna le letlole la banana mo kgaolong (Youth Fund) le le tla tsamaisiwang ke morafe ka letlole le le tla thusa  banana ka go ba okeletsa dithuso ka madi a kgwebo tsa bone kgotsa go thusa banana ba ba itekang go tsena mo dikgwebong.

Mo go tsa seemo sa  thuto mo kgaolong, Rre Mathokgwane o boleletse morafe ba tla  simolodisa  kabo  dimpho ya baithuti  ba ba gaisitseng ele bontlha jwa go rotloetsa baithuti go tsaa thuto ya bone ka tlhwafalo,e a tlhalositseng e tla tswelelela  go dirwa jalo ngwaga le ngwaga.

O ne a tlatsa ka go itsise morafe fa tona wa lephata la ditsela  le dipalamo a boletse gore tsela ya Phitshane/Molopo Mabule e e kabong e dirilwe ngwaga oo fitileng ka kgwedi ya motsheganong  are tshekatsheko e dirilwe. Lefa go ntse jalo dithulaganyo di tla sekasekwa dibo di dumalanwa ke tona mme ke gone go ka tswelelang.

Mo tekodisong ya gagwe modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse wa Phitshane /Molopo Rre Steven Moraladi o ne a bolelela mopalamente gore ditlhabololo mo motseng wa bone di saletse morago are mme dingwe di ne di sa dirwe ka mabaka a kwelo tlase ya itsholelo  ya mafatshefatshe mme jaanong ka go utlwala itshololelo e tokafetse, a re ba kopa go agelwa ntlo lehalala ya motse, le go okelediwa badiri  ba ipelegeng, go direlwa bagodi moriti kwa posong.

O tsweletse a re badisa dikago ga bana matlo a ba nnang mo go one go tshabela pula, go okeletswa dinako tsa molelwane bogolo jang ka malatsi a a botsalo jwa morena ka gore ba eletsa go nna le nako le basika abone mme ba nna kwa Aferika Borwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 29 Jan 2015