Bogosi bolela ka bogodu jwa leruo
28 Jan 2015
Bogogi jwa Tewane mo kgaolwang ya Mahalapye bo boletse fa bo sa itumediswe ke bogodu jwa leruo jo bo diragalang kwa motseng oo.
Fa a bua mo potsolosong bosheng, Kgosi Kerapetse Kalanke o thalositse fa magodu a utswa dikgomo go feta leruo le lengwe, mme ba sepodise basa kgone go ba tshwara ka gore go lebega ba dirisana le bagwebi ba marekisetso a nama.
Kgosi o tlhalositse fa ntlha e engwe e e dirang go re magodu ao a seka a tshwarwa e le batho bangwe ba motse ba ba bipang mpa ka mabele ntswa ba itse bo morwaabone ba ba utswang leruo mme ba ka seke ba begele ba molao.
Go sale foo Kgosi Kalanke one a kgala tiriso ya nno-tagi e gantsi e dirwang ke banana mo motseng wa Tewane. O tlhalositse fa bontsi jwa banana bo sa batle ditiro fa ba fetsa sekolo mme ba innaakanya le tiriso botlhatswa ya nno-tagi.
Are ditlamorago tsa tiriso botlhatswa ya nno-tagi di akaretsa dintwa le go tlhokela bagolo mo motseng maitseo.
Kgosi a re seemo seo se a gola ka gore mapodise a a mo Tewane ke bomme ka jalo ba kgone go kgalema lenyatso motlhofo jaaka mapodise a borre.
Fa a bua ka mananeo a puso Kgosi Kalanke one a tlhalosa fa banni ba motse wa Tewane basa kgone go akola mananeo a o jaaka madi a banana le ditshingwana tsa merogo ka lebaka la tlhaelo ya metsi le letlhoko la motlakase mo Tewane.
One gape a opela lenaneo la ipelegeng legofi are ke lone fela lenaneo la nyeletso lehuma le le ategileng mo motseng wa gagwe.
Are lenaneo la ipelegeng le kgonne go aga mantlwana a boiteketso ko sekolong se se botlana sa Tewane Primary School, mo kokelwaneng ya Tewane le kgotla ya Tewane.
Le fa gontse jalo Kgosi Kalanke o tlhalositse fa basa kgona go lema sentle mo Tewane ka mabaka a gore pula e boutsana monongwaga gape ditshukudu tsa temo tse di lemelang batho disa bonale mtlhofo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Phidson Mojokeri
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 28 Jan 2015






