Tsogwane o akgola sekole sa Toromoja
28 Jan 2015
Tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Slumber Tsogwane,o a kgoletse barutabana ba sekole se se botlana sa Toromoja maduo a mantle a ba tswetseng kaone dingwaga ka go latelelana.
Tona o ntshitse kakgolo e fa a ne a abela sekolo seo sebalamakgolo le motshine oo ntsifatsang dipampiri ka Labotlhano. O ne a ba kgothatsa go tswelela ba dira ka nata lentswa ba na le dikgwetlo tsa tlhaelo ya ditlamelo.
Tona a re ba gwetlilwe ke maduo a mantle a sekole sa Toromoja ka jalo ba bona go tshwanetse go ba ba abele mpho e gore batle ba kgona go di sentle basa kgoreletso ke letlhoko la didirisi tsa gona jalo.A re k Tautona o buile gore o batla go tlhabolola thuto ka go e abela seabe se se segolwane mo kabong ya madi.
A re maikaelelo a puso ke gore boramaranyane,dingaka ,letse ditebagantseng le malwetse (specialist)di tswe mo lefatsheng leno,a tlatsa ka gore di ka tswafela fa thuto e na le motheo.
Tona o supile fa puso e lemoga letlhoko la bone la matlo a borutelo ,matlwana a boitiketso ga mmogo le boroko ja barutabana,a re go tlana go lekwa go tsiswa ditlhabololo ka bonya ka bonya go lebilwe seemo sa madi .
O bile a re ga segore maduo a mantle a sekolo sa bone ga ba a lemoge ,a ba rotloetsa go tswelela ka maitlamo a bone ,a akgolela mogokgo le mothusi wa gagwe tiro e ntle e ba dirang ya tisana sentle le barutabana e a reng e supiwa ke maduo.
E rile a mogela baeng mogokgo ya sekole sa Toromoja Mme Neo Serapo a supa fa ele boitumelo jo bogolo go bona Tona a ba e tetse mo godimo g among a ba tiseditse mpho sebalamakgolo le mochine o o o ntsifatsang dipampiri, e e botlhokwa fela thata mo tirong ya bone.
Mme Serapo o boletse fa sekole sa bone ele se senye , sena le barutabana bale lesome le bobedi ,bana bale makgolo a mabedi le masome a mabedi le botlhano le bana ba dingwaga tse di ko tlase bale masome a mabedi le bosupa.
A re ba dikile ba tsere maemo a borataro ka 73.3% mo kgaolong ya boteti ,a supa f aka 2012 bne ba tse maduo a ntlha ,mme puso y aba fa madi akana ka P20.000, yo a reng ba modirisitse go reka didirisiwa tsa maranyane (LAB),le tsa tshingwaga.
Ene ya re a leboga mothusa mogokgo ya sekole sa Toromoja Mme Gamu Makobo ,a supa fa se ele tshimologo ya ditlhabologo ,a tlatsa ka gore bantse ba dira ka nata go ntsha maduo ba salebelela gore ba na le letlhoko la ditlamelo.
Mme Makobo a re ba tsweletse ka go ntsha maduo ka lebaka la go bereka ka thata ba tshwaranye ele ba rutabana ga mmogo le batsadi,a tlhalosa fa nako tse dingwe ba bereka ka mafeloabeke.
Ene e rile go le pele tona a etela sekolo se se botlana sa Seaseole kwa Letlhakane go lekola seemo se seneng se kuetse sa bo mamantwane ,one gape a lekola sa Mmanthabakwe ko Mopipi ,go bona ditlhabololo tse di tseletseng tsa go baakangwa ga sekole seo seneng sele mo seemong se se maswe . BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : Letlhakane
Event : Potsolotso
Date : 28 Jan 2015






