Re a Nyalana e botlhokwa
28 Jan 2015
Kgosi Roger Lekgothu wa Ghanzi o rotloeditse setshaba go tsaya lenaneo la Re a Nyalana ka tlhwaafalo ka jaana a dumela fa le le mosola fela thata ebile le thusa go kganela go nna mmogo ga baratani ba sa nyalana.
Mo potsolosong, Kgosi Lekgothu o kaile fa lenaneo la Re a Nyalana le le botlhokwa fela thata ebile le le motlhofo go netefatsa gore batho ba a nyalana ebile batho ba ba nang le keletso ya go nyalana ka lenaneo leo ga ba tseye lebaka go nyalana
O tsweletse a kaya fa go le botlhokwa gore baratani ba ba saleng ba nna mmogo ba sa nyalana ebile ele bagolo ba le dirise gore ba felele ba nyalane.
A re go thata mo go ba bangwe gore ba nyalane ka mabaka aa farologaneng a akaretsa go ntsha bogadi le lone letlhoko la one madi a go dira mokete a tlatsa ka gore ka lenaneo la Re a nyalana batho fa ba na le keletso ya go nyalana ba a thusiwa gore ba kgone go diragatsa maitlamo a bone.
Kgosi Lekgothu o ne gape a supa fa go le gantsi a kopana le dikgang tse mo go tsone mongwe wa baratani ba ba saleng ba nna mmogo a tlhokafala mme morago ba masika a yo o tlhokafetseng ba simolole go tla go lwela dilwana ba ipolelela gore ke tsa ngwana wa bone.
A re lenaneo la Re a nyalana le ka thusa go rarabolola dikgang tsa motlhale oo ke ka moo a rotloetsang setshaba go inaakanya le lone a tlatsa ka gore le lebane mongwe le mongwe yoo dingwaga tse di fa gare le go ya pele ka ele bone batho ba gantsi ba palelwang ke go ithusa.
Kgosi Lekgothu a re lenaneo leo ga le a bulelwa banana ka bone go dumelwa ele batho ba ba santseng ba ikgona ebile ba santse ba le basha mo loratong ba ise ba tlhaloganye botshelo jwa lenyalo.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Dinah Johane
Location : Ghanzi
Event : Potsolotso
Date : 28 Jan 2015






