Lenyora le tlhasetse kwa Khudumelapye
28 Jan 2015
Kgosi ya Khudumelapye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Edwin Ramokobetwane o supile fa a sa itumedisiwe ke letlhoko la metsi mo motseng wa gagwe.
O buile seo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo. Kgosi Ramokobetwane o ne gape a tlhalosa fa a sa itumelele borakonteraka ba ba epang mahuti ba bo ba tlogela bas a a katela ka mahuti ao a ema metsi ebile a le borai mo baneng.
O ne a supa fa asa itumelele ditsela tsa mo motseng di di sa tswang go tshelwa lekgwarapana a supa fa di le dinyenyane dikoloi di ka se fapaane.O ne a tswelala ka go supa fa a lebogela lenaneo la ipelegeng ka le thusa jaaka go agiwa ofisi ya kgotla kwa motseng oo.
Kgosi o ne a ngongorega ka tlhaelo ya dikoloi tsa kgotla leya kokelo ka di sale di ya go baakanngwa mme ga di ise di boe fa e sale ngogola.Fa a ntsha pego ya komiti ya ditlhabololo ya VDC Rre Kopano Tsietso o ngongoregetse kgaogo ya motlakase kgapetsa kgapetsa fa go nna le maru.O kopile gape gore go patlaladiwe motlakase le metsi ka ditsha tse di ntsha di sena ditlamelo tsa metsi le motlakase ka e le kgakala.O ne gape a kopa gore go nne le molao o o patikang gore bodiredi jwa puso jotlhe bo se nne dingwaga tse di fetang lesome.Rre Tsietso o ne gape a supa fa ba tlhokana le matlo a boroko jwa badirela-puso.
Fa a ntsha la gagwe mopalamente wa kgaolo la Takatokwane Rre Ngaka Ngaka o ne a lebogela banni go mo fa sebaka sa go nnna mopalamente wa bone mme a supa fa a tla bereka ka natla mo ngwageng tse tlhano ele mopalamente.Mopalamente Ngaka o ne a tlhalosa fa palamente e dumalane gore go ntsiwe lekgetho la VAT mo dijong di akaretsa boupi jwa borotho,paletshe,maungo le mashi.O ne gape a supa fa go ne ga ntshiwa lekgetho leo mo didirisiweng tsa temo di akarets dipolantere,megoma le diterekere go leka go rotloetsa temo le go fokotsa manokonoko a kwelo tlase ya itsholelo mo bathong.
Rre Ngaka o ne a supa fa Ipelegeng e sa direlwa banana ka ban a le mananeo a le mantsi a a diretsweng go ntsha banana mo lehumeng.
O ne gape a supa fa puso e tshwenyegile ka go kwadisiwa mmetela ga dikereke.O ne a tlhalosa fa palamente e sekaseka gore go fetolwe molao wa ikwadiso ya dikereke gore go okediwe palo ya balatedi gotswa kwa masome a mabedi go ya kwa go makgolo a mabedi le masome a matlhano.Mopalamente o ne a supa fa katoloso ya sekole se segolwane sa Mahupu e tsweletse.O ne a supa fa ba solofetse gore baithuti ba mophato wa bone ba tla amogelwa kwa sekoleng seo ngwaga o o tlang.
Fa a mokgwa dikgaba Rre Seelane Kelailwe o ne a kopa gore go sekasekiwe kompone ya metsi ya Water Utilities ka dilelo tsa bone tsa metsi di ile godimo fa e sale Water Affairs e ithola ditirelo tsa metsi.O kaile fa go kgala ga metsi le go sa baakanye dipompo le go phatlalatsa metsi e le dikgwetlho tse ba di boning fa e sale kompone eo e tsaya ditirelo tsa metsi.Mongwe wa banni ba motse oo Rre Benjamin Bogosi o ne a sepa gore tsela ya Letlhakeng-Kaudwane e tsnenngwe mo lenaneong la NDP 11 ka tsela eo e se mo seemong se se itumedisang.O ne gape a supa fa tlhaelo ya didirisiwa e ne ya tlodisa bontsi jwa balemi temo.BOPA
Source : BOPA
Author : Senkokame dibeko
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 28 Jan 2015






