Breaking News

Kgosi o kgala semorafe

28 Jan 2015

Mothusa kgosi ya Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng o kgadile a sa kgwe mathe semorafe se a reng se a rena mo motseng oo. 

E rile a bua mo potsolotsong, Kgosi Puleng  a re semorafe se diphatsa ka se ka kgaoganya motse ka bogare ebile se ka baka dintwa ga mmogo le go dia ditlhabololo.

A re semorafe mo motseng wa gagwe se se ntsi thata fa go tla mo dikgang tsa bogosi segolo bogolo fa setlhotswana sengwe sa morafe se batla motho yo ba mo ratang e nna kgosi ntswa a sa amane ka gope le bogosi.

A re gape kgang eo e bonala thata fa go tla  mo maemong a magolwane mo motseng, ka mo mabakeng mangwe morafe o ka supa maikutlo a gore motho ga a tshwanna go tsena mo maemong a a rileng ka a sa tlholege foo.

O tsweletse ka gore fa gongwe le ko peong ya lefatshe morafe o ka se batle go kopana le bangwe batho ka tumelo ya gore o tseelwa lefatshe ntswa molao wa lefatshe o supa gore mongwe le mongwe o ka nna kwa a batlang teng mo Botswana.A re se se felela se dira gore batho baba sa tlholegeng mo Letlhakeng mme ba batla lefatshe ba le reke fa gongwe e se kafa molaong. 

O  rotloeditse dikgosana mo motseng go tshwaragana le go nna seopo sengwe go lwantsha se morafe le gore gape ba seka ba tsaya matlhakoreMo go tse dingwe Kgosi Puleng a re o itumedisiwa thata ke go bo dikgang tsa  borukutlhi di ile tlase thata mo motseng wa gagwe ka seo se lemosega ka dipalo tse di ko tlase tse di tlang ko ofising ya gagwe. A re le fa go ntse jalo dikgang tsa go thubiwa ga matlo di ne di ile magoletsa  ka malatsi a botsalo ja morena le fa seemo se setse se ritibetse. 

A re seo se bakilwe ke go bo go na le dikomiti tse di farogaloneng tsa twantsho borukhutlhi.A re gape go botlhokwa gore dikomiti tsa twantsho  borukutlhi di rutuntshiwe gangwe le gape gore di kgone go itse gore di tshwara jang dikgang tsa borukutlhi .  BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Thabiso Keiphetlhetswe

Location : Letlhakeng

Event : Potsolotso

Date : 28 Jan 2015