Breaking News

Dithomo dingwe di ka bakela bana dihawa

28 Jan 2015

Batsadi ba gakolotswe go emisa  go roma bana ba dikole majalwa le metsoko ka di ka felela di ba kgoreletsa  mo dithutong tsa bone.

Kgakololo e e builwe ke mookamela mapodisi a Werda kwa kgaolong ya Kgalagadi, Superitendant Mompoloki  Ramatsia mo potsolosong morago ga go begelwa kgang e mo go yone banna ba le bararo ba amegang mo kgannyeng nngwe ya go fitlhelwa ka mophuthelwana wa setlhatshana sengwe.  

Supt  Ramatsiaa re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng mosimane wa dingwaga tse di lesome le borataro ka mophuthelwana  wa setlhatshana sengwe  se go belaesegang e le motokwane.

O supile fa mosimane yo o a fitlhwetswe ka mophuthelwana oo, mo nngweng  ya dibase tse di rwalang  setshaba  bosheng  morago ga gore mapodisi ba lomiwe tsebe ke mongwe.

Rre  Ramatsia o ne a kaya fa mosimane go belaesega fa a ne a romilwe setlhatshana seo ke borre bangwe ba  babedi  ba a supileng fa le bone ba sa ntse ba thusa mapodisi mo ditlhotlhomisong.

Rre Ramatsia o ne a supa fa e tla are mo bogaufing boraro joo bo isiwe fa pele ga lekgotla a ga mmakaseterata mme fa ba ka bonwa molato,  ba tla lebisiwa molato wa go fitlhelwa ka setlhatshana seo.

A re mo nakong ya gompieno ba sa ntse ba rometse setlhatshana seo go ya go tlhatlhobiwa ke baitsanape le batlhatlhobi ba ditlhare go rurifatsa  gore  e ka tswa e le sa mofuta ofe.

Supt  Ramatsia o ne a tlhomamisa  fa mmelaelwa yo o wa mosimanyana   a tlholega kwa molepolole mme a ne a fetsa mophato wa boraro ngogola.

Mookamela mapodisi a Werda o ne a tlhalosa fa dikgang tsa mofuta oo wa go fitlhelwa ka mephutwalana e go belaeseng e le ya motokwana di  ba tshwentse thata m kgaolong ya gagwe a kaya fa e le ya bobedi mo ngwageng ono.

Kwa bofelong Sup Ramatsia o ne a  gakolola setshaba le bakgweetsi ba dibase tse di rwalang setshaba  go emisa go tsamaisa  mophuthwelwana e e ka belaetsang ka ba  sa itse gore ke ya eng  go hema diragalo tsa mofuta oo. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 28 Jan 2015