Breaking News

'Ntshang leruo mo motseng'

28 Jan 2015

Molaodi wa kgaolo potlana ya Serowe, Mme Chabongwa Matseka, o gakolotse banni ba dikgotla tsa Mere le Morula mo Serowe gore leruo ga le a tshwanela go nna mo motseng.

Fa a bua kwa diphuthegong tsa kgotla di buisiwa ke moapalmente yo mosha wa kgaolo ya Serowe Bokone ,Rre Kgotla Autlwetse, Mme Matseka a re ga ka fa tsamaisong gore go ka ruelwa mo motseng ka e bile go nale mafelo a tshwana masimo le meraka a leruo le ka nnang kwa go tsone.

A re motse wa Serowe o tletse ka diruiwa di tswhana dikgomo le dipodi tse a reng di baka dikotsi ka di gobea gongwe le gongwe, ka jalo o kopile batsadi go fodusa loruo la bone go le isa kwa mafelo a a tshwaneng.

Fa a tswelelela, Mme Matseka o ne a tlhalosetsa banni ka fa motse gape o leng leswe fela thata ka teng. A re go tletse matlakala gongwe le gongwe mo motseng le ntswa khansele e leka go a sela.

O tlhalositse gore fa ele ditsela tse di yang masimo tsone e setse e le kwa go latlhelwang matlakala gone, a tlatsa banni ga ba latlhele matlakala kwa a tshwaneng.

Fa a bua ka dikgang tsa bojalwa, Mme Matseka o ne a tlhagisa banni gore bogogi ba motse wa Serowe le lefatshe ka kakaretso botshwenngwa ke ka fa go dirisiwang nno tagi phetelela ka teng.

A re selo se se baka dintwa mo motseng le mo malwapeng tota, ka go sena kagiso fa gare ga batho baa b iphitisang dino kgotsa ditagi.

Mme Matseka o tlhalositse fa se se utlwisang botlhoko le go feta ele ka fa le bana fela ba ba tseng dikole ba setse ba simolotse go dirisa ditagi kgotsa ba a nwa le batsadi mme go se sepe se se molato.

O kopile batsadi go ema ka dinao go bona gore ba bua le bana ba bone gore ba ba lemotshe bodiphatsa jwa nnotagi le gore ba itshenyetsa bokamoso.

A re go nale dikgang tsa gore batsadi bangwe ba rekisetsa bana nnotagi, selo se se sa siamang fela thata. Ka jalo a kopa batsadi go nna bodimatseba go bona gore ba a dirisanya go bona gore mokgwa yoo o a fela ka gore ga se gore ga ba itse batsadi ba go nna jalo.

E ne e rile gole pele modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa dikgotla tseo Rre Mothoagae Mothoagae a tlhalosa fa ba kopa puso gore e ba seka sekele bone ele ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse gore a b aka se okeletswe dikatso.

Rre Mothoagae a re ba bereka ka natla le bonokopila ba tlogetse ditiro tsa bone kwa malwapeng go bona gore ba tlhabolola dikgotla tsa bone mme ba tshwanetse go akanyetswa, a tlatsa ka gore le tsone dikatso tse ba di fiwang di tla thari.

O tlhalositse gape gore ba lebogela lenaneo la ipelegeng mme a kopa mopalamente gore a a ka se ba buelele gore gongwe ipelegeng e ka tsewe ele kgwebo mme ya itirela madi le yone go nale gore b abo ba tlhola ba bereka fela. 

Mo go tse dingwe, fela jaana Mme Matseka, Rre Mothoagae o ne a tlhalosa fa ba tshwentswe ke matlakala mo motseng wa bone ntswa le ba re ba a leka go o phepafatsa.

A re ditselana tshotlhe tse di tsenang mo motseng wa bone ditletse dithothobolo tsa matlakala mme selo ga se ba jese monate.

E rile a ba kwa kgaba mopalamente Rre Autlwetse a ba lebogela gobo ba ne bam o tlhopha mme a ba solofetsa gore o tsile go ba berekela 

Rre Autlwetse o ne a ba tlhalosetsa gore  ka kgang ya bone ya modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse gore ba batla dituelo o tlaa e fitisitsa kwa lephateng le ele lebaneng.Fa a lekodisa banni ba dikgotla tseo ka tsa kwa mo palamenteng, one a tlhalosa gore palamente e dumelana fela ka bongwe gore tshimologo ya dikereke e  tsere phekelo e sele mo lefatsheng leno.

O tlhalositse fa dikereke di tletse gongwe le gongwe mme e bile di sa tlhole di tlwaelesegile ka se kereke e sa tlholegileng ka sone, mme jaanong batho ba dira ditiro fela tse di sa amogeleseng mo setshabeng.

Ka jalo Rre Autlwetse,  o ne a tlhalosa fa ba dumelane go tla go tsaya megopolo mo setshabeng gore jaanong kereke e seka ya tlhola e bopiwa kgotsa e kwadisiwa ka batho batho bale masome a mabedi bogolo e nne makgolo a mabedi le masome a amatlhano.BOKHUTLO

 

 

 

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgathi

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 28 Jan 2015