Breaking News

Beng ba diterekere ba rotloediwa go tsaya temo ka tlhwaafalo

27 Jan 2015

Rabalemisi wa kgaolo ya Palapye Rre Alexander Letebele ga a itumelele tiro ya beng ba diterekere.

Fa a bua mo phuthegong ya beng ba diterekere bosheng, Rre Letebele a re ofisi ya gagwe e setse e amogetse dingongorego tse dintsi tsa balemi ba ngongoregela gore beng ba diterekere ba lemolola masimo a bone ba bo ba a tlogela lebaka le le leele ba sa tle go jwala.

A re o lemogile fa beng ba diterekere bangwe ba lemolotse masimo a mantsi ka jalo ba na le kgwetlho ya go jwala masimo a ba a lemolotseng otlhe. A re balemi ba felela ba iphotlhere fela nako ya temo e ba sia ba santse ba emetse raterekere go tla go feleletsa tiro ya gagwe. A re beng ba diterekere ba  itekanye morwalo gore ba bangwe ba kgone go lemela ba bangwe.

Rre Letebele o kgalemile thata ka selo se, a re ba lemele balemi sentle a tlhalosa fa puso e tla seke e duele raterekere yoo sa lemeleng balemi sentle.

A re e le ba ofisi ya temo-thuo ba ile ba tshwara dithuto puisano ba ruta beng ba diterekere go dirisa diplantere mme mo nakong e ba swabisiwa ke gore beng ba diterekere bangwe ga ba lemele balemi sentle mo peo e felelang e gasame mo tshimong.

Fa ba tswa la bone beng ba diterekere ba tlhalositse fa ele boammaaruri bangwe ka bone tlogela masimo ba lemolotse masimo a mantsi mme go nne bokete go jwala masimo ao otlhe. Bangwe ba bone ba re ba setse ba thusa go jwala masimo a saleng a lemolotswe a bo a tlogelwa.

Rre Ritchie Kenosi ene a re temo ya ditselana e santse ele ncha mo kgaolong ya Palapye mme beng ba di terekere le balemi ba santse ba ithuta, mme a kopa balemisi gore ba seka ba ba gagamaletsa setoropo.

A re fa ba dirileng diphoso teng ba tla baakanya. A re fa pula e ne le beng ba diterekere ba tsaya beke tse pedi mo masimong ba lemolola fela ka mmu wa bo ole bokgola mme ba tseye beke tse pedi tse di latelang go thuba makwete. A re se se dira gore ba felele ba tsaya nako e telele go jwala.

A re tiego gape e bakiwa ke balemi ba ba tlang ka dipeo tse di tlhaelang  mme se se dire gore go boelelwe tshimo eo gabedi a feleletsa go lema. Mme Gorata Mugoma ene o tlhalositse fa balemi ba santse ba tlhoka kitso e ntsi ka temo ya ditselana ka a lemogile fa ba sa e tlhaloganye.

A re balemi ba solofela gore go lemololwe go bo go jalwa gone foo. O ngongoregile that aka masimo a mangwe a re a disana ebile a mantswe a a bakang tshenyo ya terekere. A re balemi ga ba nne ko masimo mme ba tla fela go setse go jalwa.

Beng ba diterekere ba ngongoregile ka balemi gore ga ba tlhokomele masimo fa go sena go jalwa ka jalo peo e felela e jewa ke masogo ba bo ba ngongorega gore ga ba a jwalelwa sentle.

Ba ne ba dumelana gore fa go kwadisiwa diterekere, go supiwe didirisiwa tsa temo ba tlhalosa fa dingwe didirisiwa di sa siama, fa bangwe ba sena tsone botlhelele. Ba dumelane gape gore ba seka ba lema kana ba jwala tshimo mong wa yone a seyo. BOPA

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : PALAPYE

Event : Phuthego

Date : 27 Jan 2015