Breaking News

Borre ba maoto a tshupa

27 Jan 2015

E re le ntswa kgotla e le lefelo le go amoganwang dikitso ka mananeo a puso le dikgang dingwe tsa botlhokwa, borre ba kgaletswe mokgwa wa go itlhokomolosa go tsibogela diphuthego tsa kgotla.

Seo se builwe ke kgosi ya Dutlwe kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo Rre Ngaka Ngaka bosheng.

Kgosi Motshegetsi Puleng o supile matshwenyego a gore batho ba le bantsi ga ba na kitso ka mananeo a puso, segolo jang a a ka ba namolang lehuma ka gore ga ba ke ba tsena diphuthego.

Kgosi Puleng a re ke makgetho a le mmalwa go biditswe diphuthego mo motseng wa gagwe ke badiri ba maphata a a farologanyeng le mapalamente go tla go amogana le setshaba ka mananeo a puso mme borre ba iponagatse ka dipalo tse di boutsana go na le bomme, a supa fa seo e le go ithontsha tshwanelo  ya bone ya go tsaya karolo mo go tlhabololeng motse.

A re mananeo a puso, ditshwetso le dikgang tsa botlhokwa di amoganwa kwa dikgotleng mme a gwetlha borre go emisa mokgwa oo ka go dira jalo e ka nna sekgoreletsi mo maitekong a puso a go leka go inola Batswana mo lehumeng ka ntlha ya go tlhoka kitso ka mananeo.

O boletse fa tshwaragano fa gare ga morafe le bogosi e le botlhokwa ebile motse o ka se tlhabologe fa morafe o sa tseye kgotla ka tlhwaafalo. A re kgotla ke lefelo le le tshwanetseng go tlotla ka e le gone kwa thulaganyo ya puso ya batho ka batho e simologang teng.

E ntse e le ko phuthegong eo, kgosi o ne a supa fa mananeo a puso a tshwana le la Ipelegeng a tsweletse sentle ntswa ba santse ba ngongorega ka la nyeletso lehuma le  a supang fa le goroga ka monokela ntswa go santse go na le bontsi jo bo santseng bo aperwe ke lehuma la nta ya tlhogo.

A re bangwe ba isiwa ithutuntshong ya go dira ga mananeo a mangwe, mme fa ba tswa koo ba nna fela go sena se ba se dirang ka didirisiwa tse ba di tlhokang go simolola dikgwebo tsa bone di tla monokela.

O kopile mo go ba ba lebaneng go tsibogela go fefosa go gorosa mananeo a puso kwa setshabeng gore maiteko a puso a go tlhabolola matshelo a Batswana a atlege. ENDS

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 27 Jan 2015