Inaakanyeng le mananeo - Salakae
27 Jan 2015
Mopalamente wa Ghanzi Bokone, Rre Noah Salakae, o rotloeditse baagi ba kgaolo ya gagwe go inaakanya le mananeo a puso e a beileng pele go inamola lehuma.
Rre Salakae o rotloeditse baagi bosheng jaaka a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Ghanzi. Mo leetong la gagwe la diphuthego tsa kgotla o ne a lebogela baagi go bo ba nnile le tshepo mo go ene mme ba mo isa Palamenteng.
E rile fa a lekodisa baagi ba Ghanzi ka tse di builweng kwa Palamenteng, a nankola tse di tshwanang le go tlhoka lefatshe, tsamaiso ya Palamente le botlhoki kana lehuma le le sa nsteng le apere Batswana segolo bogolo mo dikgaolong di tshwana le ya Ghanzi.
Ke ka moo a neng a ba rotloetsa thata go inaakanya le mananeo a leng teng go inamola mo lehumeng. Salakae o ne a gakolola baagi ba Ghanzi bokone gore mananeo ga se a amanang le thuo ya kgomo fela; jaaka go lebega bontsi bo itshetse mo mananeong a thuo ya kgomo.
A re go na le mananeo a leng teng a batho ba ka itekang mo go one mme ba atlega sentle ba kgona go itshetsa. Salakae a re bodiphatsa jwa go tsaa lenanaeo le o sa le kgoneng ke gore pheletsong le tla pala mme o sale o itshophere fela.
Mopalamenete Salakae o ne gape a ama kgang ya thuto, a supa matshwenyego a gagwe ka seemo se se tsweletseng ka go wela tlase ga maduo mo kgaolong ya Ghanzi ka bophara. O ne a rotloetsa batsadi go tsaa seabe mo thutong ya bana ba bone, a re ba tsee boikarabelo mme ba lese go baa sengwe le sengwe mo barutabaneng.
E rile ba mo kgwa dikgaba, bangwe ba baagi ba supa fa ba eletsa go ka agelwa sekolo sa sekontari se se botlana mo toropong ya Ghanzi. Mongwe wa baagi Rre Thabiso Kebadile o ne a kopa gore e re ka lenaneo la ditlhabololo la bolesome (NDP 10) le atolositswe ka ngwaga, ba ne ba ka itumella go neelwa nngwe ya tse di neng di saletse kwa morago jaaka lebala la metshameko kgotsa go agiwa ga tsela ya Charleshill-Ncojane. Mme o ne a gatella thata kopo ya sekolo se sebotlana sa sekontari mo toropong ya Ghanzi.
Fa a tsibogela kopo ya bone, Rre Salakae o ne a re ntswa lenaneo la ditlhabolo la bolesome le atolositswe, bone ele Mapalamente ba gakolotswe go lebella tse eleng letlhoko le legolo thata mo dikgaolong tsa bone gore di tle di sekasekwe.
Mme, fa a akgela ka kgang ya tsela ya Charleshill-Ncojane o ne a re ga gona sepe se sentsi se se ka buiwang ka jaana e santse ele kgang e eleng ko go ba molao morago ga madiadia a ne a e aparela ka 2012 fa e tshwanetswe go simollwa.
Mo ntlheng ya sekolo se se botlana sa sekontari mo toropong ya Ghanzi, Rre Salakae o ne a tlhalosetsa baagi gore sekolo seo ga seo mo lenaneong la ditlhabololo la bolesome, mme ka jalo a re gongwe bodiredi bo ka lebella ntlha ya gore se ka akaretdiwa mo lenaneong la ditlhabololo la bolesome le bongwe (NDP 11) le le tlang. ENDS
Source : BOPA
Author : Ketshepile More
Location : GHANZI
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 27 Jan 2015






