Orapa Golf Club e abetse batlhoki
27 Jan 2015
Mokgatlho wa Orapa Golf club e abetse batlhoki ba Xere mo kgaolong potlana ya Boteti dijo le melora e e lopileng madi a kana ka P7 000 ka mosupologo kgwedi eno e le malatsi a le masome a mabedi le borataro kwa Xere.
E rile a aba dijo tseo, mongwe wa maloko a mokgatho oo, mme Christina Moloi yo gape e leng kgosi wa Orapa o ne a tlhalosa fa mokgatho oo, o simolotse go otlololela letsogo mo bathing ba ba tlhokileng lesego ka ngwaga wa 2012 o ya fifing.
Mme Moloi a re mokgatho wa bone o itebagantse le go abela batlhoki ba ba sa kwadisiwang ka fa tlase ga lenaneo la boipelego kaba lemoga ba tlhaela mo go itshetseng le ntswa ban a le bokgoni ja go itshetsa.
O ne a tlhalosa fa Orapa Golf club e kgwile dikgaba boikuelo jag a tautona mo setshabeng mo dikomponeng tse di ikemetseng kabo nosi le setshaba ka kakaretso wa go thus aba ba tlhokileng lesego mo setshabeng le agela bao b aba senang boroko.
A re botlhoki bo tlosa motho seriti ka jalo ba bone go tshwanela gore e le mokgatho ba busetse batlhoki bao seriti ka go ba abela dijo le melora,a tlatsa ka gore Motswana mongwe le mongwe o tshwanelwa ke go nna le seriti. Mme Moloi o ne a tlhalosa fa mokgatho wa bone o ikaelela go abela batlhoki ba metse e mengwe le go ba agela matlo mo isagong.
Mmaboipelego wa Xere mme Oesi Matlotleng o ne a leboga ba mokgatho wa Orapa Golf Club go bo ba abetse batlhoki bao,a tlatsa ka gore go abela b aba tlhokileng lesego mo setshabeng go ka fetola matshelo a batho.
Mme Matlotleng o ne a re le ntswa puso e ntshitse mananeo a a tswhanang le la Limid, a a ka ntshang Batswana mo lehumeng, o ne a tlhalosa fa bangwe ba batlhoki ba itshetsa ka leruo le ba le tsereng ka lenaneo la Limid le sa atlege ka ntata ya tlhaelo ya metsi mo miotseng wa Xere.
O ne a rotloetsa dikompone,sechaba le makalana a a ikemetseng go gata motlhala mokgatlho oo,ka go otlolola letsogo la thuso mo go b aba tlhokileng lesego mo sechabeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Oarabile Mawele
Location : XERE
Event : Kabo Dimpho
Date : 27 Jan 2015






