Ba Sorilatholo ba lebogela matlo a batlhoki
27 Jan 2015
Banni ba Sorilatholo ba lebogetse matlo a batlhoki a a agilweng kwa motseng oo. Ba buile seo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane.
Mo pegong ya komiti ya ditlhabololo, Mme Mogomotsi Keokang yo e leng mokwaledi wa komiti e, o supile fa go agilwe matlo a batlhoki a le marataro kwa motseng o o ebile a fedile. O tlhalositse fa matlo ao beng ba one ba setse ba nna mo teng.
Mme Keokang o supile gape fa go na le mangwe a le mararo a a agiwang. O ne gape a supa fa ba lebogela go tlhongwa ga Kgosi Olebetse Phemelo semmuso morago ga go tlhokafala ga ga Kgosi Matsala Badiseng.
O tsweletse ka go tlhalosa fa banni ba Sorilatholo ba iketleeditse mo lenaneong la nyeletso lehuma mme a supa fa mathata e le go diega ga didirisiwa tse ba di kopileng. O ne a supa fa ba lebogetse go fiwa mapodisi a mabedi ka bane ba sena one.
Fa a amogela mopalamente Kgosi Olebetse Phemelo o ne supa fa a sa jesiwe diwelang ke seemo sa tsela ya Sorilatholo goya Khudumelapye ka e le motlhaba sekgele sa dikhilomithata dile lesome le botlhano la lekgarapa le tshetswe sekidi sa dikhilomithara tse borobabobedi.
O kopile gore ere fa itsholelo e tokafala puso e tsenye tsela ya bone mo lenaneong gore e tselwe sekonetere. O negape a kopa gore motse wa bone o gokelelwe motlakase ka motlakase o ba nang le one kwa maphateng mangwe a puso a akaretsa kokelwana le sekolo go dirisiwa motlakase wa marang a letsatsi o o sa lekanang.
Kgosi Phemelo o kopile gape gore ba fiwe molemisi ka ba tsaya ditlamelo tsa temo kwa Khudumelapye. O kaile fa gape a tshwenngwa ke letlhoko la dikoloi mo maphateng a puso kwa motseng wa gagwe. O supile fa go tlhokana le koloi ko maphateng a akaretsa kokelwana,kgotla ,sekolo ga mmogo le lephata la boipelego.
O ne a tswelela ka go supa gore Kgotla ya Sorilatholo e tlhomamisitswe ka ngwaga wa 2012 gore e ka sekisa mme ga bana mokwaledi wa kgotla gammogo le yo o gapang dilwana.
Kgosi Phemelo o kopile gape gore ba direlwe ofisi ya poso e ba ka amogelang dikwalo mo teng le pampiri ya dikgang ya DailyNews. Fa a tswa la gagwe mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane Rre Ngaka Ngaka o lebolgetse banni ba Sorilatholo go mo tlhopha go nna mopalamente wa bone ngwaga tse tlhano tse di tlang. O kaile fa a tla dira tiro ya gagwe ka botswapelo go tlisa maduo a a nametsang mo batlhophing.
Mopalamente Ngaka o lebogetse gape banni ba motse oo go se tsose dikhuduego morago ga go tlhokafala ga Kgosi ya motse oo. O kaile fa seo se supa popagano mo setshabeng. O ne a tlhalosetsa banni ba Sorilatholo fa Tautona Lt General Seretse Khama Ian Khama a supile fa itsholelo ya lefatshe e tokakafala.
Mopalamente Ngaka o ne gape a lekodisa banni ba motse oo gore palamente e ne ya dumalana le gore go ntshiwe lekgetho la VAT mo dijong dingwe di akaretsa mae,phaletshe, boupi jwa borotho le mashi. O tsweletse ka go supa gape fa palamente e dumalane le gore go ntshiwe lekgetho la VAT mo didirisiweng tsa temo di akaretsa megoma dipolantere le diterekere.
O ne a tswelela ka go supa fa puso e sa itumedisiiwe ke go gola ga ikwadiso oya dikereke.Mopalamente o ne gape a supa fa a sa itumedise ke maduo a a kwatlase mo dikoleng tse di mo kgaolong ya gagwe.
O ne a kgotlhatsa batsadi go latedisa thuto ya bana le go dirisana le barutabana. Rre Ngaka o supile gape fa a tla rotloetsa sekole se se potlana se se tla di gaisang mo kgaolong ya gagwe ka seetsele le madi a a ka tshwarang P1 000. O kaile fa seo e tlaabo e le go rotloetsa phadisano fag are ga dikole tse di mo kgaolong ya gagwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Senkokame Dibeko
Location : SORILATHOLO
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 27 Jan 2015






