Go rekisa lefatshe go a tshwenya
27 Jan 2015
Tona wa ditsha le matlo, Rre Prince Maele, o kgadile a sa kgwe mathe mokgwa o a reng o a kukela mo Batswaneng wa go rekisa lefatshe segolo bogolo mo batswakweng.
O buile seo bosheng jaaka a ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Phitshane-Molopo, Digawana, le Good Hope. A re Batswana ba na le mokgwa wa go kgobokanela kwa diofising tsa kabo ditsha go ya go kopa ditsha tsa bonno, dikgwebo le temo mme morago ga go di abelwa ba bo ba di rekisa.
O kgadile seo a re ga se tokafatse botshelo jwa motho ka tsela epe fela ka jaana tiragalo eo e gogela motho kwa lehumeng.
O gakolotse gore lefatshe ga le gole go gola batho ka jalo a ba tsibosa gore se se tla a felela se tsenya puso leoto la boraro ka go gagamaletsa batho ba mohuta oo setoropo ka go seke a tlhola a ba abela lefatshe.
O ne a tswelela a re o ngomolwa pelo gape ke bana ba ba abelwang lefatshe la dipolase ka maiteko a gore ba namolwe mo lehumeng mme e re morago ba di rekise a re seo se koafatsa maiteko a puso mme a re ga ba na go ipona tspa ya go itepatepanya le seemo seo.
O tlhalositse fa ba sekaseka gore dipolase tseo di kwadisiwe ka fa tlase ga lekgotla la banana la BNYC ka jaana se se ka thusa mo go thibeleng dipolase tseo go ka tswa goromete ka diphatlha tsa menwana mme go tswelelwe go thusiwe banana ba banwe ba abs a iponeng tsapa mo go itlhabololeng.
O rotloeditse setshaba go ititaya ka thupana mo go batleng methale ya go itshetsa ka go ka hirisa lefatshe le go ka aga mantle go thusa badirela puso ka boroko gore ba bone letseno la madi gape go tla a fokoletsa goromente morwalo wa go fa dithuso a tlatsa ka gore seo se ka thusa mo go godiseng itsholelo ya lefatshe.
Tona o ne a tswelela a supa fa ba tshwenngwa ke go tlhoka go tlhabololwa ga ditsha a re se se bakela lephatha la gagwe mathata ka jaana ba kgona go felela ba tlhatlagantse dintsha m setsheng se le sengwe mme se phelelong se feleleng se tsositse dikgotlhang fa gare ga lephata la kabo ditsha le morafe.
Rre Maele a re go tlhabolola setsha ga go lope gore motho a bo a na le madi a mantsi go aga magasigasi a dikago, a re ba tlhaloganya ka botlalo seemo sa itsholeleo mo lefatsheng, mme jalo a ba gwetlha go ka aga mantlo fela a Setswana a mmu le bojang fa ba ntse ba letile go kgobokanya didirisiwa tsa kago ya sekgoa.
A tlhalosa fa go aga matlo a Setswana go se turu mme ebile go ka thusa mo go fokotse dipalo tsa ditsha tse di sa tlhabololwang mo lefatsheng.
O ne a tlatsa ka gore ba bangwe ga ba tsenye mekono go supa ka botlalo gore ditsha tsa bone di tsamaa jang, a re se baka tlhakatlhakano ka jaana go felele go nna dikgotlhang le baagisanyi.
Mo go tse dingwe o kgadile setshaba mo go rotloetseng tshenyetso setshaba ka go abela babereki ba lephata la kabo ditsha madi le dithoto tse dingwe gore ba tle ba ba abele ditsha.
Rre Maele o tlhalositse fa seo se sa letlelesege ka jalo ba ba nang le seabe mo tiragalo ya mofuta oo, ba tla a tseelwa dikgato tse di maleba.
O ne a gwetlha morafe gore ba duele madi a ba a a kolotang ba mapahata a kabo ditsha gore a tle a thuse goromentse mo go atolseng meamuso ya lefatshe mo setshabeng ka bophara mme a ba kopa gape go tswa mo mokweg wa go ipaa fela kwa ntle ga teseletso ya ba lephata la kabo ditsha.
O ne a kopa morafe go tswa matlho a bone le go nna maloma tsebe a ba lepahata la kabo ditsha fa ba lemoga bangwe ba bo maipaafela go babalela meamuso ya puso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : LOBATSE
Event : Diphuthego Tsa Kgotla
Date : 27 Jan 2015






