Olopeng o batla go isa lephata kwa pele
27 Jan 2015
Tona wa le lephata la Banana, Metshameko le Ngwato, Rre Thapelo Olopeng o mo thulaganyong ya go godisa lephata la gagwe ka go kopa tona ya ofisi ya ga Tautona le Bodirela Puso go simolodisa lenaneo la itloso bodutu la tsa banana (Youth Entertainment Channel) mo Botswana Television.
O buile seo mo letsatsing le le neng le buletswe setshaba le banana gotla go ithuta, go anya le goitse gole gontsi ka lephata la gagwe le leneng le isitse ditlamelo ka bothong mono Palapye, morago ga bokopano ja beke jo boneng boitebagantse le go buisana kafa mananeo a banana aka tokafadiwang ka teng gore ba a kgatlhegele.
Tona yo gape e leng mopalamente wa Tonota, Rre Olopeng a re fa seo seka kgonega seka thusa banana go lemoga bokgoni jo banang le jone le goitlhaloganya, ka seo seka bafa boikarabelo ja ithekisa le go ntshetsa dikitso tse banang le tsone mompepeneneng.
Rre Olopeng one a a ma dintlha dile mmalwa tse dilebanyeng lephata la gagwe a supa fa maikaelelo ele go tlhabolola,gobopa le go aga monana yo ele mmusi wa lefatshe leno wa gampieno, are o lemoga sentle bothata jo banana ba lebaganyeng le jone ja letlhoko la ditiro, mme fela ene le bodiredi ja lephata la gagwe baikiteile ka thopana godira gotlhe mob aka gokgonang go lwantsheng seemo seo ka gontsha banana mo mekgwatlhang le mo lehumeng.
Tona one are mananeo a banang le one mo nakong eno ba a tsentse leitlho le tsone difomo go bona gore a banana ba a ditlhaloganya le gore a ka basolegela molemo jang. One are metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balati, a kgotlhatsa banana go dirisa mananeo a a teng goitshetsa.
Rre Olopeng one are maikaelelo a mangwe a lephata ke go tsena motse le motse go utlwa banana gore ba batla mananeo a a tokafadiwa jang gore ba a kgatlhegele, mme a a kgala bao ba baneng ba bona sebaka sa go tsaya mananeo are bangwe ba a phuagantse fela mo tseleng a sa wela, le ntswa godirisitswe madi a mansti go a simolodisa, bangwe go goitsiwe le kwa baleng teng ka madi a puso.
Oile a supa fa lephata la gagwe le tshwaraganetse go tlhabolola banana le makalana a mangwe jaaka ba LEA le CEDA, are bafile makalana ao gotla ka ditsele tse banana baka thusiwang botoka ka tsone gore mananeo a basologela molemo le gore baa rate.
Fa a itebaganya le tsa metshemako one are metshameko ya gampieno ke e e ka tlisang dijo mo lapeng, jaanong banana batshwanelwe ke goetsaya ka tlhwafalo, abo are ke keletso ya gagwe go tokafatsa seemo gore banana batsene mo dikgaisanong le banana ba mafatshe fatshe.
One are mafatshe a borwa ja Africa a tlhoka gotshwaraganela kgodiso le tlhabololo ya banana mo gotsa metshemeko, a lebeletse didirisiwa, are mafatshe a a setseng a a etetse a gatetse pele mo didirisiweng tsa metshameko mabala a bone le didirisiwa ke tsa maemo a a kwa godimo fela thata.
Are mo dingwageng tse tlhano a santse a neetswe ofisi oya go bona gore tsa metshameko dinna teng mo metseng yotlhe a lebeletse (mini sports Complex) are seo seka thusa lephata la gagwe gobopa banana mo gotsa metshameko gotswa fela kwa moding. Oile gape a kopa banni ba Palapye, makhanselera,le mopalamente go nna seopo sengwe mo goruteng banana ngwao ya bone, are bontsi ba inakantse le dingwao tsa mafathe a sele ka batsaya seo mo marenyeneng a se gampieno.
Oile a gwetlhe bodiredi ja lephata la gagwe go ema ka dinao go fa setshaba ditlamelo tsa maemo a a kwa godimo ka lerato,botho le boineelo mo tirong ya bone.
Fa a a fa malebogo modulasetilo wa khansele potlana ya Palapye , mokhnaselara wa Mogome Rre Lesedi Phuthego one are o lemogo sentle fa mohiri mogolo ebong puso a satlhole a kgona, ka jalo lephata le ke lone fela leka thusang goinola banana mo letlhokong la ditiro, mme a supa fa ale bete se molangwata ka bontsi ja banana basa thologela pitso e ka bokete.
Modulasetilo one are mananeo a puso ke one fela aka inolang banana mo manokonokong a letlhoko la ditiro fa baatsaya ka tlhwafalo. One are mafatshe ale mantsi itsholelo ya bone e ikaegeile thata k a bo radikgwebo, mme are ga gopale sepe gore mananeo ao a banana a ba beye mo maemong a gore le bone batsoge ba laola itsholelo ya lefatshe leno ka dikgwebo tsa bone.
One a itebaganya le banana are sebaka le nako ke tsone tse, le arameleng le santse le thabile, mme a felela a kopa lephata go dirisana le makhanselera go thusa mo go ageng banana, oile a leboga tona thata are e sale monana o ka siana that aka gatwe maoto a nong ke phofa
Morago tona le bagolwane ba lephata la gagwe lefatshe leno lotlhe bane batsamaisiwa le metlaagana ya disupiwa go bona tse banana ba didirang, le gore makalana a a bopang lephata la gagwe a dira gole kae go bvalelwa le tsa metlobo ya ditsa lephata. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Thuto Puisanyo
Date : 27 Jan 2015






