Borukhuthi bo tlhora banni boroko
27 Jan 2015
Banni ba Jackalas 1 ba ikuetse mo pusong go emela ka dinao seemo se se sa jeseng di welang sa borukhutlhi kwa motseng wa bone.
Fa ba itekodisa mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima, Rre Biggie Butale, mo phuthegong ya kgotla ka Labotlhano, banni ba supile fa seemo se se etegediwa ke go bo motse wa bone o le mo molelwaneng.
Mongwe wa banni, Rre Michael Muzola o kaile fa ba sa sireletsega ka jalo ba tshelela mo letshogong. A re mo mabakeng a le mantsi, dirukhutlhi tseo di tlolela ka fa lefatsheng le le mabapi la Zimbabwe morago ga go dira tshenyo mo motseng wa bone.
Rre Muzola o ne a supa gape fa kgoro ya molelwane ya Ramokgwebana e e mo motseng wa bone le yone e sa sireletsega ka e sa dirise ditsela tsa segompeino tsa go phuruphutsha dithoto tsa b aba fetang ka yone.
A re ka fa ntlheng ya molelwane ya lefatshe la Zimbabwe go dirisiwa ditshipi tsa maranyane go dupa dithoto go tlhola gore a go sepe mo go tsone se se sa tshwanelang go tlodisiwa molelwane, fa mo letlhakoreng la lefatshe la Botswana gone go tlhola badiri ba namana.
Se a re ga se a lebana ka jaana go se bonolo gore badiri ba tlhole dithoto tsa dikoloi tsa megobagoba sentle ka motlhale o ba o dirisang o ba bakela letsapa le le felelang le ba itsa go dira tiro ya bone ka manontlhotlho.
A re fa puso gongwe e ne e ka akanya go baa dintsa tse di dupang dithoto kwa kgorong eo ya molelwane seemo se ne se ka tokafala ka dilo dingwe tse di borai di ne di ka bonwa mme tsa thibelwa go ka tsena mo lefatsheng leno.
Mme Vivian Thembe le ene o ne a lela ka go sa sireletsang ga banni ba motse oo.
O kaile fa batho ba tlhaselwa ke dilalome gangwe le gape le ntswa go nale kampa ya masole mo motseng oo.
Rre Zamile Ncube ene o ne a lela ka diketekete tsa madi tse puso e di dirisang go busetsa batho ba ba tseneng mo lefatsheng leno e se ka fa molaong kwa mafatsheng a bone.
A re fa batho ba go nna jalo ba ne ba ka amogiwa dithoto tsa bone dipalo tsa bone di ne di ka wela tlase ka ba ne ba tlaa bo ba sa sologelwe molemo ke go tsena mo lefatsheng leno.
Fa a tshwaela mo mafokong a banni, mopalamente Rre Butale o ne a tlhalosa fa a tla latedisa dikgang tsotlhe tsa bone go bona gore di ka rarabololwa jang.
E ne e rile go le pele a ba itsese fa palamente e dumalane le molao-kakanyetso wa gore go ntshiwe lekgetho la VAT mo didirisiweng tsa temo, se e le tsela ya go tlhofofaletsa Batswana go di reka.
O ne a bua gape ka molao-kakanyetso wa go fetola ditsetlana dingwe tsa tsamaiso ya kwadiso ya makgotla mme a supa fa mogopolo e le gore palo e e tlhokegang go kwadisa dikereke e okediwe go tswa mo go lesome go ya kwa go makgolo a mabedi le masome a matlhano.
Maikaelelo a se, Rre Butale o boletse fa e le go laola go runya ga dikereke mo lefatsheng leno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : MASUNGA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 27 Jan 2015






