Mogolwane o kopa balemi go rekisa kwa BAMB
27 Jan 2015
Mogolwane wa Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB), Rre Edson Woto o gwetlhile balemi ba kgaolo potlana ya Tutume go rekisa thobo ya bone kwa BAMB.
Rre Woto o buile jalo mo thuto-puisanyong le balemi kwa Tutume ka Labone. O ne a tlhalosa fa marekisetso a BAMB a diretswe bone morago ga go lemoga fa ba sena kwa ba rekisang thobo ya bone teng.
A re go bo dikoporase tseo di tswetswe ka bontsi ke ka lebaka la gore balemi ba ne ba sa di dirise ebile bangwe ba reka kwa mafatsheng a sele, mokgwa o a supileng o sa siama ka Batswana ba tshwanetse go godisa itsholelo ya bone ka go reka dijo tse di mono.
A re gape ba itse gore koporase eo ke ya bone e le balemi ga se ya puso ka jalo fa bas a e dirise ba bob a itlhaba ka thipa mpeng, ka ditlamorago morago ga go phutlhama ga yone go a ba ama.
Rre Woto o ile a kopa balemi bao go tlhoafalela temo,a re temo e a busetsa ka jalo ba tshwanetse ba ikaega ka temo ba lema mo go tla ba busetsang,ba tlogele mokgwa wa go ipitsa balemi ba ba botlana.Gape a ba rotloetsa go sala morago ditaelo tsa balemi tsa go lema ka ditselana.
O ile a kopa ba komiti ya balemi go nna ba abelana le balemi ba bangwe dikitso tse ba tswang go di ajwa kwa mafelong a mangwe. A gatelela ka gore mokgwa wa go epeela kitso o sa abelane le ba bangwe ga o kake wa ba isa gope,selo se a kaileng fa Batswana ba bolawa ke lefufa.
Fa a tswelela,o ne a ba kopa go dirisa sebaka sa bone go ikopela masimo kwa Dukwi nako e a tlaabo a abiwa.
Batsena dithuto-puisanyo tseo ba ile ba leboga kitso le lesedi le ba le tsereng mo dithutong tseo,ba supa fa ba ntse bas a itse fa BAMB e le ya bone e le balemi,ba re jaanong ba lemogile seo le botlhokwa ja yone.
Bangwe ba ne ba ngongoregela ditlhwatlhwa tse koporase eo e rekang thobo ya bone ka teng,ba supa fa beng ba ditshilo ba reka thata gona le bone.
Rre Lenyatso Gobela o ne a ngongorega ka tsamaiso e e tla dirwang go abela batho masimo kwa Dukwi,a re gore ba phadisanye le batswakwa go tla baya Batswana ka fa mosing ka ba sena itsholelo e e kalo.
Rre Gobe o ne gape a supa matshwenyego a go tlhoka go thusiwa ke dibanka fa dingwaga tsa gago di feta masome marataro,a re seo se ba paledisa go tsweledisa temo ka gab a na madi a ka tlhabololang lefatshe le go reka di dirisiwa tsa temo ka one. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Thuto-puisano
Date : 27 Jan 2015






