Jenamo o ikemetse ka dinao
27 Jan 2015
Ngwana wa leitibolo wa ga Mme Meltha Jenamo kwa Sekakangwe mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, e bong Bafalise Jenamo o ganetsa a bo a rita ka tlhogo gore go tshela ka bogole go ka kgoreletsa motho go ka itirela matsana a diaparo, melora le dijo segolo jang fa a na le bokgoni.
Rre Jenamo o tshotswe ka ngwaga wa 1965 mme ka go tlhoka lesego, a bo a timilwe puo mme le fa go ntse jalo, seo ga se sekgoreletsi ka gope ka diatla tsa gagwe di kgona go mo direla one matsana a a tlhokang go ka ithekela diaparo le tsotlhe tse di tlhokegang.
Le ntswa tiro ya gagwe e mo tlhoka go buisana le ba ba a ba thusang, mmaagwe o nna a le fa tlhoko ga gagwe go ranola puo ya gagwe.
Mo potsolotsong le lekala la dikgang bosheng, Rre Jenamo, ka thuso ya go tolokolelwa ke mmaagwe, o ne a tlhalosa fa a itshetsa ka go roka ditlhako, dibeke, ditante le tse dingwe, segolo jang tse di dirilweng ka letlalo.
A re fa e sale go tswa kwa dingwageng tsa bo 1970, o ne a lemoga fa a na le kitso e e faphegileng ya go dira tiro ya motlhale oo, mme e bile a bona fa e ka mo thusa thata go kgona go thusa mo lwapeng ka matsana a a bonang.
Morago ga go wa a tsoga le kgwebo ya gagwe ka dithebe tse di tswang mo kgwatlheng ya gagwe, ba ofisi ya boipelego ba ne ba mo tla matshidiso ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Ngwanaatsele ka go mo rekela didirisiwa dingwe go tsweledisa le go atolosa kgwebo ya gagwe.
A re mo malobeng pele ga dithuso tseo, o ne a dirisa dimao tse a di itirelang ka ditshipi tsa dikhukhu le dipekere mme a re o ne a dirisa gape ditlhale go tswa mo dithaereng tsa dikoloi.
Fa a latlhela la gagwe, Mme Jenamo o supile fa kgwebo ya ngwana wa gagwe e tsweletse fela sentle mme e bile e dira madi a a botoka.
Le fa go ntse jalo, o tladitse ka go supa fa e ka bo e ne e dira bontle le go feta segolo jang fa a ne a ka e direla mo mafelong a tshwana le motse wa Masunga ka o le gaufi le ditlamelo gape teng go na le palo e ntsi ya batho go ka rotloetsa dikgwebo.
A re kgwebo e supa fa e ka gola le go feta ka a kgona go dira madi a a kanang ka dipula di le makgolo a matlhano ka kgwedi.
Mme Jenamo a re mo tirong e morwawe a e dirang thata ya go roka le go baakanya ditlhako, o lopa badirisi ba ditirelo tsa gagwe dipula di le masome mane go roka setlhako se le sengwe.
A re kgwebo eo e thusa gape go tlosa ngwana wa gagwe bodutu ka a sa kgone go tsaya dikgang le bontsi jwa batho ba motse wa gaabo ka ba sena botsipa jwa go buisanya le ene.
O tsweletse ka gore le fa ba boipelego ba ne ba mo thusa ka didirisiwa, kgwebo e santse e na le letlhoko le lentsi.
A re Rre Jenamo o tlhokana le lone lefelo la kgwebo ka mo nakong ya gompieno a rokela fela ka fa tlase ga setlhare fa pele ga lelwapa la bone.
Mme a re o tlhoka gape diatlana go itshireletsa ga mmogo le gone mo a beelang didirisiwa tsa gagwe le tsone dilwana tse a di rokang gore di babalesege ka a ipeela fela mo ntlong ya setso e e dirisiwang ke botlhe mo lapeng.
A re ka jalo go na le kgonagalo ya gore sengwe se nyelele kgotsa ditlogolo tsa gagwe di tshameke ka sengwe.
O tlhalositse gore Rre Jenamo o dirisa fela kitsonyana e a tsetsweng ka yone, mme o eletsa gape fa a ka isiwa dithutuntshong tse di tseneletseng go tlatsa mo a nang nago gore le one madi a puso e a dirisitseng mo go ene a ntshe maduo.
Mme Jenamo o ne a rotloetsa ba-na le-bogole gore ba seke ba nna ka dikitso tsa bone, a re ba ikemele ka dinao go itshetsa le gone go itirela matsana.
A re ba tshwanetse go ikgolaganya le ba boipelego, go bona gore dikitso dipe tse ba nang natso ga di nyelele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : MASUNGA
Event : Potsolotso
Date : 27 Jan 2015






