Ba Somelo ba lela ka letlhoko la metsi
27 Jan 2015
Banni ba motsana wa Somelo mo kgaolong ya Ngami ba tlhaloseditse mopalamente wa kgaolo ya bone ya Ngami, Rre Thato Kwerepe, fa seemo sa letlhoko la metsi mo motsaneng wa bone se tlhomola pelo.
Ba buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone ka Laboraro, ba supa fa metsi a ba a sielwang ke koporase ya ditlamelo tsa metsi ka ditanka a ba tlhaela mo motseng.
E rile a amogela baeng, Kgosi Mokhutshwane Komee a tlhalosa fa seemo sa letlhoko la metsi se tswa kgakala. Ka jalo, Kgosi Komee o ne a re o kopa gore seemo seo se emelwe ka dinao, go dirwe tharabololo ya sennela ruri eseng metsi a ditanka a a tlhelang batho ba motse.
O ne a re fa go ka diriwa lenaneo la go tlhatswa metsi a didiba mo motseng oo gongwe go ka thusa. E rile a akgela, Rre Kwerepe, a supa fa a itse seemo sa bone sa letlhoko la metsi, mme a ba gwetlha go dirisa thothi e ba e fiwang sentle eseng go e siela leruo.
O ne a re moono wa leeto la gagwe ke gone go utlwa dilelo tsa bone le go tsaya megopolo e e tla a tsenngwang mo ditogamanong tse di tlang.
Mogolwane wa koporase ya ditlamelo tsa metsi, Rre Michael Sepele o ne a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go tlisa tharabololo ya sennela ruri ka go aga madirelo a a tlhatswang metsi mme sebe sa phiri e le letlhoko la madi.
O ne a re gongwe fa go ka nna le madi a a salang mo lenaneong la bobedi la Maun la tlhatso ya metsi ba ka a dirisa go itepatepanya le seemo sa Somelo.
Rre Sepepe o ne a kgalema banni ba Somelo kgatlhanong le go senya dipompo mo motseng, selo se a reng ke poela morago ebile go senya metsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : GABORONE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 27 Jan 2015






