Breaking News

BCP ga e a gana bokopano - Saleshando

26 Jan 2015

Moeteledipele wa phathi ya kganetso ya BCP, Rre Dumelang Saleshando, o kgadile dikgang tsa gore phathi ya gagwe e ganne bokopano le diphathi tse dingwe tsa kganetso.

O buile jalo mo phuthegong ya sepolotiki ya go supa ntlhopheng wa bokhanselara wa Moshupa Bophirima, Rre Olebogeng Sethibe kwa Moshupa ka mafelo a beke.

Kgaolo ya Moshupa Bophirima e ne ya seka ya nna le mokhanselara ka nako ya ditlhopho ka gore bo ntlhopheng ba bokhanselara ba diphathi tsa BDP le BCP ba ne ba lekalekana ka dipalo mme ga tshwanelwa ke gore ditlhopho di boelele gape.

Ditlhopho tseo di tlaa tshwarwa ka Matlhatso a a tlang. Rre Saleshando yo o neng a latlhegelwa mo ditlhophong mo Gaborone bogare, o boletse fa go latlhegelwa ga phathi ya gagwe e seka gore ba ganne go kopana le diphathi tse dinngwe tsa kganetso.

O boletse fa e rile ka nako ya merero ya go kopana ba bangwe ba itlhaganelela go kopana fa bone ba ne ba santse ba rerisana le maloko a bone. O boletse fa ba eme diphathi tsa kganetso nokeng gore ba ntshe e e busang mo setilong.

A re mo ditlhophong tsa poeletso tse di tlang ba bone gore ba seka ba ema kwa Good Hope le Ngware mme ba eme kwa Moshupa Bophirima fela go sutela UDC.

O ne a supa matshwenyego a gore UDC yone ga e a ema nokeng BCP kwa Moshupa. 

Rre Saleshando o boletse  fa molaetsa wa BCP o tlhapile mme Batswana ke bone ba tsereng tshwetso, a bolela fa e se motlha wa bofelo mme ba tsile go nna ba neela Batswana melaetsa e e ka ba solegelang molemo ka mananeo a a tsepameng.

O kopile banni ba Moshupa go tlhopha Rre Sethibe yo a kaileng fa e le senatla e bile a na le motlhala mo motseng wa Moshupa le khansele ya borwa. O boletse fa BCP e le yone phathi fela e e ka nowang moro ka mananeo a tshwana le go direla Batswana mebereko ka go bula dikompone tse ditona mo Botswana go na le gore dilo di dirwe kwa mafatsheng a mangwe.

O boletse fa babereki ba amogela madi a mannye thata mo Botswana fa go tshwantshanngwa le mafatshe a mangwe. A re maduo a dikole a wetse kwa tlase thata ka fa tlase ga puso ya BDP.

Mmui yo mongwe Rre Kentse Rammidi o boletse fa a tlhobogile phathi ya BDP mme a bona botshelo le mananeo a a botoka kwa BCP. O boletse fa BCP e ikaelela gore fa e tsaya puso e fe dikhansele dithata le madi a go itsamaisa. O boletse fa ditsela di le maswe fela thata mo go tlhabisang ditlhong.

Rre Rammidi yo o neng a eme kwa Kanye bokone mme a latlhegelwa a re phathi ya gagwe ke yone fela e ka tsamaisang lefatshe, a kgala ba UDC a re ke bo majapolaelo. O kopile gore go tlhophiwe Rre Sethibe yo o neng a ntse a le mokhanselara pele.

Fa a ntsha la gagwe ntlhopheng Rre Sethibe o boletse fa a diretse banni ba Moshupa bophirima go le go ntsi thata ka go thusa batlhoki bangwe a ba hitlha fa bangwe a ba gela metsi. O boletse fa a ne a thusa gore ba nne le ditsela tse di botoka le metsi.

O boletse fa e le motho wa ntlha mo Moshupa go atumeletsa batho dikgwebo le go ba ruta gore ba ipelege. O kgadile BDP le UDC a re ga ba itse kgaolo eo fa ene a ntse a le mokhanselara wa yone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Phuthego ya phatlhalatsa

Date : 26 Jan 2015