Morafe o supa komiti ka monwana
26 Jan 2015
Banni ba kgaolo ya Tidimalo mo Serowe Bokone ba supile komiti ya dithabololo tsa motse ka monwana ba re e dira dilo ka tshokamo.
Fa ba bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke mopalamente wa kgaolo ya Serowe Bokone, Rre Kgotla Autlwetse, kwa kgotleng ya Konyana bosheng, morafe o ne wa supa komiti eo, ba re e lebile dikeletso tsa bone fela .
Ba supile fa go thapiwa mo Ipelegeng le go apeela Ipelegeng borotho go dirwa ka tshokamo ka komiti e e sekametse thata mo bathong ba e leng masika a bone kgotsa ditsala mme se se baya morafe ka fa mosing.
Mme Boitumelo Radipolase yo o supileng fa ipelegeng e tlhaelewa ke didirisiwa a re ba setse ba tshaba go ntsha dingongorego ka komiti ya dithabololo tsa motse ka go dira jalo o ipaya ka fa mosing wa go tlhoka go thapiwa mo ipelegeng.
Mme Onkgolotse Ketaareng, o tlhalositse fa a sale a ikwadisetse go rekisa borotho ka ngwaga wa 2012 nako kgolo ke eno. Dipelaelo tsa gore komiti eo e dira dilo ka tshokamo di ne tsa rurifadiwa ke mokhanselara wa kgaolo eo Rre Solomon Dikgang.
Rre Dikgang o tlhalositse fa komiti eo e dira ka bomo ka gore o tswa kgakala a bua le yone ka dikgang tse, ebile ba kile ba tlhoka kutlwisisano mmogo mo ba feletseng ba ya go agisanngwa kwa khanseleng. A re ntswa go sale go kwadisiwa batho ba ba tlaa rekisang borotho maina a teng ga a ise a ke a nsthediwe mo pontsheng.
Rre Dikgang o supile fa a ka se kgone go bereka le komiti eo ka e le ba sokamisa dilo, a tlatsa ka gore fa e le gore ba batla go bereka le ene ba tsholetse dinao.
“Ngwaga o o fetileng, ka Motsheganong re ne re le gone fa re thapa ipelegeng, mme e rile go duelwa ga nna le ba ba neng ba sa thapiwa” “Ke ne ka latela mongwe yo e neng e le motsetse ke mmotsa gore ke eng a amogela mme a le mo ntlong e le motsetse”
Rre Dikgang o ne a tlhalosa gore go na le dikgang tsa seemo se tse di amang komiti ya dithabololo ta motse kwa mapodising. “Le lona setshaba le molato ka gore bangwe ba lona ba batla go thapiwa kgwedi le kgwedi.
O ne a gatelelala gore Green Scorpion ga e theogele,ntswa gotwe ba thapilwe. Mabapi le ditsela o ne a kopa mopalamente gore a ba kopele Tautona go ba etela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 26 Jan 2015






