Go ithola ditiro go baya Batswana ka fa mosing
26 Jan 2015
Mopalamente wa Jwaneng-Mabutsane, Rre Shawn Ntlhaile, a re go ithola ditirelo ga puso go baya bontsi jwa Batswana ka fa mosing ka jaana go isa ditirelo kwa go bone go reketla.
Erile a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Jwaneng bosheng, Rre Ntlhaile a tlhalosa fa go ithola ditirelo go tla ka dikgwetlho tse di farologanyeng tse di felelang di ama matshelo a Batswana.
O ne a fa sekai ka ditirelo tsa metsi tse di neng tsa fudusiwa go tswa kwa lephateng la Water Affairs go ya kwa komponeng ya Water Utilities.
A re Batswana ba ne ba tlwaetse gore dilo dingwe ba di akola mahala kana ka tlhwatlhwa e e kwa tlase fa ba santse ba sielwa metsi ke Water Affairs, mme jaanong dilo di fetogile ka ditlhwatlhwa tsa Water Utilities le tsone di pagame.
O supile fa metsi e le selo se se botlhokwa go di feta tsotlhe mo botshelong jwa motho, mme ebile go le botlhokwa gore ditsamaiso tsa go a bona e nne tse di motlhofo mo Batswaneng. O gwetlhile puso go tsenya kgang e leitlho gore batho ba ba dikobo dikhutshwane ba fokolediwe ditlhwatlhwa tsa metsi.
Rre Ntlhaile o ne gape a supa fa go ithola tiro ya go baakanya dikoloi tsa puso go tletse Batswana ka nku e sa buiwa ka jaana bontsi jwa dikoloi tsa puso jaanong di se mo tirisong. A re moragonyana fela tiro e e sena go ntshiwa mo lephateng la Central Transport Organisation (CTO) e neelwa dikompone tse di ikemetseng, go ne ga simolola go supega fa go na le dikgwetlho tse dintsi.
A re seemo se se tsisitse mahutsana mo Batswananeng ka gore jaanong dikoloi tsa puso di eme ga di kgone go isetsa batho ditirelo jaaka e le tshwanelo.
Erile ba mo kgwa dikgaba, banni ba toropo ya Jwaneng le bone ba supa matshwenyego ka koporase ya Water Utilities e ba reng e palelwa ke go ba tlisetsa ditirelo ka fa tshwanelong.
Mongwe wa batsena-phuthego Rre Jonathan Tebogo o ne a supa fa lephata la metsi le sa ba siele metsi sentle mme ebile ditlhwatlhwa tsa bone e le tse di tsisibanyang mmele. A re e re ntswa metsi e le one botshelo, koporase eo e a turusa mo go tlaa felelang go humanegisa batho.
O supile fa gape seemo sa diphaephe tse di gopang metsi a a leswe e le se se ngomolang pelo mo ebileng toropo e setse e phephetha sebodu gongwe le gongwe, bogolo jang kwa mapalamelong a dibase. A re dipompo tseo di supega fa di le dikgologolo ebile jaanong di sa tlhole di kgona morafe o o tsweletseng ka go oketsega mo toropong.
Rre Onkabetse Mathaithai le ene o ne kgala a sa kgwe mathe tshwetso ya puso ya go ithola ditirelo a supa fa dipalo tsa Batswana di santse di le dipotlana go ka dira jalo.
A re puso ya Botswana e kabo e iketletse go ithola ditirelo pele, bogolo jang di tshwana le tsa metsi.
A re bontsi jwa batho ba busiwa kwa diofising tsa Water Utilities ba sa duela metsi mme moragonyana ba kgaolelwe go supa fa ba kolota madi a mantsi. A re selo se ga se supe tirisanyommogo fa ga gare ga kompone eo le morafe wa Jwaneng.
Erile a tsibogela dikgang tse, mookamela kompone ya Water Utilities mo Jwaneng Rre Ditiro Mogotlhwane a supa fa metsi a ba a sielang morafe wa Jwaneng a sa lekane ka jaana le bone ba reka kwa moepong. A re gape kgwetlho e ba kopanang le yone mo tirong ya bone ke go tlhaela ga didirisiwa ka jaana ba fitlhetse dipompo tsa metsi di onetse fa ba tsaya mo Water Affairs.
Le fa go ntse jalo o supile fa ba eme ka dinao go baakanya seemo sa dipompo tsa kgopo ya metsi a a leswe ka thuso ya ba moepo. O kopile banni ba Jwaneng go tlhokomela dipompo ba bo ba emisa le go tsenya dilo tse di kganelang metsi go feta. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : JWANENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 26 Jan 2015







