Breaking News

Maduo a a bokoa a a tshwenya

26 Jan 2015

Mopalamente wa Takatokwane, Rre Ngaka Ngaka, a re o tshwenyegile thata ka maduo a lekwalo la bosupa a sekolo se se botlana sa Sesung a a tsweletseng ka go wela tlase.

Mopalamente o buile seo mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwaretswe kwa motseng oo ka Labone (22/01/2015). A re mo dikoleng di le lesome le bone tse di mo kgaolong ya botlhophi ya Takatokwane sekolo sa Sesung se tsere maduo a bo lesome mme se ke seemo se se ngomolang pelo. 

O boletse gore bana ba le masome a matlhano le botlhano ba kwadile ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa kwa sekoleng seo mme bana ba le babedi ba tsere maemo a ntlha, ba le batlhano ba tsere maemo a bobedi, ba le lesome le bosupa ba tsere a boraro fa ba le masome a mabedi le bosupa  ba tsere maemo a bone mme ba le bane ba tsere a botlhano.

Mopalamente o gakolotse batsadi go tsaya thuto ya bana ba bone tsia ka thuto ke yone motheo wa botshelo, a re go botlhokwa gore batsadi ba tshwaraganele thuto le barutabana mme ba tswe mo mokgweng wa go rwesa barutabana mokgweleo wa bana ba le bosi. 

Fa ba ntsha la bone morafe o ne wa supa gore ba leka ka bo jotlhe go ruta bana ba kwa malwapeng mme ga ba kgone ka lebaka la gore lenaneo la thuto ya gompieno (syllabus) le thata ga le tshwane le la maloba, ba re le sekgoa sentsi e bile tiro ya teng e ntsi mme se se  folodise maiteko a bone e le batsadi. Mongwe wa batsadi  mme Dimpho Molefise a re fa gongwe seemo se bakiwa ke gore ga gona dijo kwa sekolong mme se se ketefaletse bana go ithuta ka ba sa kgone go reetsa ka kelotlhoko ka ntlha ya tlala.

Fa a ema a latlhela la gagwe moemedi wa sekolo Mme Lesego Mpofu a re go na le tlhaelo e e ntsi ya didirisiwa jaaka dibuka le dipene le tse dingwe fela tse di ka dirang tiro ya bone motlhofo. A re boroko bo a tlhaela e bile jo bo teng ga bo mo seemong se se siameng ka e le makgasa fela, mme a kopa gore go okediwe matlwana a boitiketso ka a a leng teng a sa lekane bana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thabiso Keiphetlhetswe

Location : LETLHAKANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 Jan 2015