Koporase ya batshwara ditlhapi e gatetse pele
26 Jan 2015
Modulasetilo wa koporase ya mabogodika ya batshwara ditlhapi kwa Sehitwa kwa Lecheng la Nhabe, Rre Bareetsi Bogaisang, a re maikaelelo a bone a go aga koparase ya batshwara ditlhapi kwa motseng oo a tsweletse sentle.
Fa a lekodisa maloko a komiti a re ba tsweledisa se ba kileng ba bua ka sone mo nakong e e fetileng, a tlhalosa fa maikaelelo a matona a koporase eo e le go ntsha batshwara ditlhapi ba ba sa kgoneng mo lehumeng la nta ya tlhogo ka go ba rekisetsa ditlhapi kwa mebarakeng gore ba kgone go itsweledisa mo botshelong.
A re ba ne ba dumalana gore koporase e reke didirisiwa jaaka dikepe, matloa le tse dingwe mme a re mogopolo oo ba o boetse morago morago ga go bona dikgakololo tse di neng di ba supegetsa fa ba tlaa nna le ditatlhegelo go feta fa ba ka reka ditlhapi fela mo batshwaring ba tsone ba bo ba ba rekisetsa.
Rre Bogaisang a re go kopana ga bone kgapetsa kgapetsa go a ba thusa, a tlhalosa gape gore kgwebo e gole sentle e bo e nne le maduo a mantle ke go ruta bone batho ba yone, a re e le koporase ba ikaelela gore fa ba ka tsamaya sentle mo kgwebong ya bone e re mo nakong e e tlang ba bo ba ka kgona go tsenya tlhapi ya lecha leo mo dithining mme ba e rekise le kwa mafatsheng a mangwe.
Fa a bua ka leswe le le diragalang kwa dikampeng tsa batshwari o tlhalositse fa a setse a ikopantse le mongwe kwa motseng wa Toteng go bona gore a mateng a ditlhapi tse di tshwarwang koo ga a kake a dirisiwa jaaka menontshane.
Modiri go tswa kwa LEA Rre Noseko Keemetsekgosi o ne a ba gakolola ka dilo di le dintsi gore ba kgone go fitlhelela se ba se batlang, o ne a re ba tshwanetse ba itse gore ke eng ba batla go dira koparase, a tlatsa ka gore ba tshwanetse ba itse sentle gore ba ne ba gwetlhilwe ke gore Batswana ba jewa ntsoma segolo jang ke batswakwa mme ba batla go ba thusa, gore ba buwe ka lentswe le le lengwe.
O ne a tswelela a ba rotloetsa go itse se tota kgwebo e leng sone, a re ba itsee tsia gore ba kgone go felela ba fitlheletse le gone go bona dithuso tse ba di tlhokang, a bo a ba gakolola gore go itse go bapatsa kgwebo ke yone konokono ya kgwebo a tlhalosa fa e le yone pelo e bile a re kgwebo fa e bapadiwa sentle ga go motlhofo gore e ka phutlhama. A re fa ba e bapaditse sentle ba tshwanetse go itse gore go na le dilo dingwe tse di tlaa batliwang kwa di bankeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Kopano ya batshwara ditlhapi
Date : 26 Jan 2015






