Ba Tshokwe le Tobane ba lela ka bogodu jwa leruo
26 Jan 2015
Banni ba Tobane le Tshokwe mo kgaolong ya Mmadinare ba lela ka bogodu jwa leruo jo bo tsereng phekelo e sele.
Se se builwe ke Kgosi Nametsegang Motlhasedi kwa Kgotleng ya Tobane beke e e fitileng fa a ne a amogela mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare, Rre Kefentse Mzwinila. A re motse wa Tobane o gola ka bofefo mme ga o gola jaana borukhutlhi le bone bo a oketsega mme se se serotloediwa ke bo maipaafela.
Kgosi Motlhasedi o tlhalositse fa Tobane a tlhoka bodiredi jwa sepodise bo bo lekaneng, a re le ha go ntse jalo bogodu jwa go thuba matlo le bone bo ile magoletsa a re badirelapuso ke bone ba ba kokonelwang ke go thubelwa matlo le go tshosediwa matshelo.
Mo go tsedingwe Kgosi o ledile ka tiego ya go lemela batho a re dipolantere di a tlhaela a tlhalosa gore bangwe ba ba lemi ba sala ba lemolotse ka kgwedi ya Sedimontlhole ngwaga o o fitileng mme le jaana ba ise ba jale.
E ntse e le kwaTobane banni ba supa matshwenyego ka tiriso ya noka ya Motloutse ba re ga e dirisiwe sentle ba re leruo la bone le felela mo go yone mme se se dirwa ke bana ba motes ba kopane le baagisane.
Banni ba tlhalositse fa bana ba motes waTobane e le bone ba gakatsang bogodu ka go tsaa borre ba letso la Zimbabwe go badira banna ka jalo se dire gore bogodu botsee phekelo e sele.
Banni gape ba tshwenyegile ka diteraka tse di tsayang motlhaba mo nokeng ya Motloutse ba re se se dira gore motlhaba o o neng o ka tshwara metsi o fele mme metsi a bo a tlhoka se a ka se tshwarang. Ba tlhalositse gore matshelo a bone a mo nokeng ya motloutse ka leruo la bone le nwa metsimo go yone.
Kwa phuthegong ya kgotla kwa Tshokwe, banni ba supile matshwenyego ka tshenyo ya ditlou le gore banna fela ba kokobetse ka di kanna tsa ba tsenelela le momalwapeng.
Mo go tse dingwe ba re bogodu ja ditonki jo bo dirwang ke baagisane go tswa kwa lefatsheng la Zimbabwe ga bo babontshe boroko, se se rurufaditswe ke Superitendent Detective Assistant Makgotla Leeme wa sepodise sa Botshabelo mo Selebi Phikwe.
Detective Leeme o tlhalositse fa ba ne ba tshwara Rre mongwe wa letso la Zimbabwe ka ditonki di le pedi mme e rile bantse ba tlhotlhomisa ba ne ba fitlhela ditonki di le masome a mabedi ka kwa lefatsheng la Zimbabwe mme e le tse di tswang mo lefatsheng la Botswana. A tlhalosa fa basantse ba le mo ditlhotlhomisong mme morago ditonki tseo di ta buse tswa beng ba tsone.
Banni baTshokwe le Tobane ba ledile ka molapo wa Molabe o o kgaoganyang metse e mebedi eo,ba re fa dipula di nele ga go tsamaege bogolojang ka banni ba Tshokwe batsaa ditlamelo kwa motseng waTobane. Ba kopa gore o tsenngwe borogo, gape ba ne ba kopa mopalamente wa bone gore tsela nne e gopiwa.
Erile a ba kgwa dikgaba, mopalamente Rre Mzwinla a tlhalosa gore keletso ya gagwe ke gore molapowa Molabe o tsenngwe mo lenaneong la dithabololo le lelatelang la NDP11, a tlhalosa gore o tlhaloganya thata ka molapo wa Molabe ka o ne a bua ka one kwa palamenteng.
Mo go tse dingwe o ne a tlhalosetsa banni ka molao kakanyetso o o amang kwadiso ya dikereke,a re kakanyo ke gore fa go kwadiswa dikereke baeteledipele ba tsone ba tshwanetse gore e bo e le Batswana se,setlamorago ga go lemoga fa bontsi ba dikereke tse di mo Botswana baeteledi pele ba tsone e le ba mafatshe a sele mme e re ba tla kakwano babo batla ka ditsamaiso le setho sa mafatshe a bone mme di sa dumalane le tsa Botswana.
Mopalamente o tlhalositse fa molao kakanyetso e le gore kereke e nne le lekgotla le le tla tsamaisang dikereke le le tlhomilweng ke puso le na le dithata tsa go ka kgalema,go emisa le go tseela dikgatho dikereke tse di sa saleng tsamaiso morago.
Mo go tse dingwe o ne a tlhalosetsa banni fa e tlare ka kgwedi ya Mopitlo lekgetho la (VAT) le bo le ntshitswe mo dijong tse di akaretsang mashi,boupi jwa borotho le tse dingwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Diphuthego Tsa Kgotla
Date : 26 Jan 2015






