Komiti ya twantsho borukhutlhi e akgotswe
26 Jan 2015
Komiti ya twantsho borukhutlhi ya Tsau e akgoletswe mowa wa bobelotlhomogi.
Komiti eo e kgobokantse madi a go dira mmabontle mme morago ba agela mogodi wa Tsau, Rre Motsiara Nale ntlwana ya boiteketso.
E rile a bua kwa moletlong wa go aba ntlwana eo ka Matlhatso, motshwaralela mookamela mapodisi a kgaolo ya Ngamiland, Rre John Kelebeng a tlhalosa fa komiti ya Tsau e setse morago boikuelo jwa ga Tautona wa lefatshe leno ya go thusa ba ba tlhokang.
O ne a akgola komiti ya Tsau ya twantsho borukhutlhi a re go supa fa e na le mowa o montle ka ba kgonne go dirisa lemmenyana le ba le amogelang go thusa bagolo bao.
Rre Kelebeng o ne gape a gatelela fa komiti ya Tsau e netefatsa fa ba sepodisi e le basireletsi ba sechaba eseng jaaka bogologolo ba ne ba golaganngwa le go tsisa poifo mo sechabeng. Komiti eo ya Tsau e ne ya abela rre Motsiara Nale dijo tsa madi a a tshwarang makgolo a a supa le madi a selerkanyo sa makgolo a mararo e le a seshabo le ntwana eo ya boiteketso.
Kgosi Mokolobetsi Sebinang wa Tsau o tlhalositse fa ba ne ba lemoga letlhoko la gar re Nale ka nako nngwe ba tsamaya ba dira dithutontsho tsa twantsho borukhutlhi. Kgosi Sebinang o ne a re ba ne ba kokoanya madi mme banana ba komiti eo ba itlhaopa go aga ntlwana eo ya boiteketso.
O ne a re tiragalo eo e supa fa komiti ya Tsau ya twantsho borukhutlhi e gola ebile e tshwaraganye le batho ba motse. E rile a ntsha mafoko, Kgosi Kebonyetsala Fish wa Nokaneng yo gape eleng mothusa mookamela komiti ya twantsho borukhutlhi ya Ngamiland le ene a lebogela maiteko a komiti ya Tsau.
O ne a tlhalosa fa dikgosi e le maloko a dikomiti tsa twantsho borukhutlhi se a reng ke lenaneo la puso ka e lemogile fa merafe e le ya dikgosi. Ka jalo Kgosi Fish o ne a lebogela seabe sa dikgosi tsa Tsau mo go tshwaraganeleng thuso e e diretsweng borra Nale.
O ne a gwetlha batho gore ba tswelele ka go tshwaraganela twantsho borukhutlhi a tlhalosa fa bogodu bo fetoga le dinako. Rre Motsiara Nale o ne a leboga ba komiti ya twantsho borukhutlhi le sepodisi gomo tswa thuso, a re Modimo o ba segofatse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : TSAU
Event : Moletlo Wa Kabo
Date : 26 Jan 2015






