Breaking News

Ba lela ka go hirwa ga bana

26 Jan 2015

Banni ba Bray mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba re ba tshwentswe ke bo-radipolase bangwe baba hirang bana.

Ba buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla ee neng e tshwerwe ke mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo ma gae ebile ele mopalamente wa kgaolo, Rre Frans Van Der Westhuizen kwa motseng wa bone bosheng.

Mothusa tona o ne a le mo leetong la kgaolo go leboga batlhophi gobo bamo rumile goya go emela keletso tsa bone kwa palamenteng le goba bolelela gore puso e tshotse tshwetso ya gore ha gona go duelwa lekgetho mo didirisiweng di tshwana le diterekere, mashi le gore dikgwebo tsedi potlana tsedi dirang dipoelo tsedi kwa tlase ga sedikadike le tsone gadi duele lekgetho gareng gat se dingwe.

Fa batswa la bone banni ba supile faba itumelela mopalamente wa bone gore abo a tlhophilwe go nna mothusa tona. Mongwe wa banni Rre Goitsemodimo Bosigo ene one are o tshwenngwa ke boradipolase bangwe ba ba senyetsang bana bokamoso ka goba hira, a tlhalosa fa se ele sone se dirang gore bana ba tshabe dikolo mme ba sieele kwa dipolaseng.

A re sese ngomolang pelo ke gore ba sale ba ikuela ka kgang e mme ha gona kgato ee tsewang keba molao. Fa aba kgwa dikgaba mopalamente o boletse fa matshwenyego ao ase masha mme ba lekile gotlhe mo baka go kgonang go emisa seemo seo jaanong ba paledisiwa tiro eo ke batsadi ba bana ka ba latola gore ha gona tiro ya mohuta oo.

O kopile banni go tshwaraganela kgang e le puso ka jaana esa siama. Molaodi wa Kgaolo ya Kgalagadi Rre Moemedi Letina le ene one a supa faba itse matshwenyego ao mme a tlatsa ka gore sengwe sa dilo tsedi ba direlang tiro bokete go tseela boradipolase dikgato ke gore ha gona sesupo sa gore ba hirile bana ba ba nnang mo dipolaseng tsa bone.

O supile fa bana baba tsenyang dingalo thata ele ba ba kwa sekolong se se golwane sa Werda, a supa faba sia kwa sekolong mme baye go nna le batsadi ba bone kwa dipolaseng. Le ene o supile ha kgang e eka henngwa hela ha botsadi boka nna seopo sengwe mme ba berekisana le puso goe hedisa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : TSABONG

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 26 Jan 2015