Breaking News

Ba Molepolole ba lela ka ditlamelo

26 Jan 2015

Banni ba Molepolole mo kgaolong ya botlhophi ya Molepolole Borwa ba ikuetse mo mopalamenteng wa kgaolo ya bone, Dr Tlamelo Mmatli, gore ba tlhoka ditlamelo tse di akaretsang metsi, ditsela, maobo a dikgotla le go baakanngwa ga sekolo se se botlana sa Bonewamang.

Ba buile se mo phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke mopalamente ka Labotlhano. Fa a fa tekodiso, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Malutu Keolatswe a re go lebaka kgaolo e ntse e sokola ka letlhoko la metsi ka jalo basa kgone go dira ditiro dingwe tse di tlhokang tiriso ya metsi.

Modulasetilo o buile gape ka letlhoko la ditsela, a re kgaolo ya bone e agilwe mo lentsweng mme go tlhoka ditsela mo go yone go ba baya ka fa mosing ka gore le dikoloi tsa setshaba ga di tsamaele teng ka jalo ba sokola ka dithoto fa batswa marekisetsong.

Mo go tse dingwe modulasetilo o kupile mopalamente go ba thusa gore ba agelwe maoobo mo dikgotlaneng tsa kgaolo a tlatsa ka gore ba bona maoobo ao fa ba etetse dikgotla tsa Molepolole bokone.

E rile a wetsa puo ya gagwe Mme Keolatotswe a lekodisa mopalamente gore sekolo se sebotlana sa Bonewamang gase mo seeming se se itumedisang. A re dikago di onetse mme go lebaka di ntse fela jalo disa baakangwe, a tlatsa ka gore se se ngomolang pelo ke gore sekolo se se go rutelwa gape le bana-le-bogole mo go sone, batho ba ba tlhokang tlhokomelo e e ko godimo.

Mongwe wa banni o ne a kopa batsadi go bua thata le bana ba bone ka mosola wa go tsena sekolo. Rre Leungo Gabatlale a re go makgetho a le mantis a bona bana ba dikolo bale mo lentsweng le le fa sekolong sa Sedumedi CJSS ka nako ya sekolo, bangwe ba gobea mo mekgwatheng go sena mabaka a a utlwalang.

Fa atswa la gagwe, Dr Mmatli oboleletse banni gore Molepolole ke motse o motona o o tshwanelwang ke go tlhabololwa ka ebile o tsamaela go nna motse setoropo.

 A re matshwenyego a bone ka bontsi o a a itse, a dumalana le modulasetilo gore letlhoko la metsi le emesitse ditiro ka bontsi, mme a re ofisi ya gagwe emo thulaganyong ya go isa dikopo tsa gore metsi a a tswang ko bokone jwa lefatshe  leno a goroge le ko Molepolole gore selelo se se arabesege.

Dr Mmatli a re ofisi ya gagwe e tshwentswe thata ke dikgang tsa seemo sa botsogo ka dikokelo mo kgaolong di sena bodiredi jo bo lekaneng le go tlhaele ga melemo mme a re seemo se o se lekodisitse tona ya botsogo yo o neng a tsaya matsapa a go lekola seemo se.

O kopile batsadi go tsenya letsogo mo thutong ya bana ka go tlhomamisa gore bana ba dikolo ba dira tiro ya bone ya sekolo, baya sekolong ba jele e bile bale phepa,m a tlatsa ka gore seemo sa thuto mo lefatsheng se tshwentse thata goromente le ene tona ya tsa thuto tota. ENDS

Source : BOPA

Author : Keorapetse Kgomotso

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 26 Jan 2015