YDF le LEA di thusitse banana
26 Jan 2015
Lenaneo le le thusang banana la Youth Development Fund (YDF) le ofisi ya LEA di kgonne go thusa banana ba le bantsi mo lefatsheng la Botswana le fa itsholelo e ne e supa e wetse tlase.
Mo potsolosong bosheng, Mme Mphonyaone Kebadile wa Ghanzi o supile fa a bonye gore ga a kgone go bona tiro ee ka mo tshetsang le mo isagong mme a bona go tshwanela gore a ikopanye le ba lephata la banana go kopa thuso ya madi ka o ne a lemoga fa a na le kitso le keletso ya temo.
Mme Kebadile wa dingwaga tse di masome a mabedi le bone, o supile fa a feditse lokwalo lwa boraro (form 3) mme a seka a e tlhoboga mo botshelong.
O supile fa a simolotse go bereka mme madi aa ne aa tsaya a ne a sa lekane ditiro tsa gagwe mo lwapeng selo se a supileng se mo gwetlhile go tla ka leano la go ka ipulela kgwebo e e leng ya gagwe.
Mme Kebadile yo o tsholetswe ng kwa motseng wa Tsootsha mo kgaolong ya Kgalagadi a re o tsene mo kgwebong ya gagwe ka ngwaga wa 2011 morago ga gore ba Youth Fund ba mo adime madi a a kanang ka P150 000.
Ka e le molemi gale, Mme Kebadile o supile fa a simolotse kgwebo ya gagwe sentle a supa fa Mme Mmaagwe a ile a mo fa tema mo tshimong ya gagwe gore a simololele teng kgwebo ya gagwe.
Mme Kebadile o supile fa a na le sebaka sa go dirisa metsi a sediba se se mo tshimong ya bone selo se a supileng se mo tsholeditse fela thata e bile se mo tiisitse moko le go feta ka a re o kgonne fela go reka mathombo a a nosetsang le tanka e e bolokang metsi go bolokela dijalo tsa gagwe metsi a a lekaneng letsatsi le letsatsi.
O tlhalositse fa a dirisa motshine wa petorolo go goga metsi a a nosetsang selo se a supileng se sa mo turele thata.
Mme o supile fa ene e le molemi yo o popota a kaya fa a kgonne go ithekela diaparo tsa itshireletso mo tirong gammogo le melemo le menontshane e e lekaneng temo ya gagwe.
A tswelela ka go tlhalosa fa a lema morogo wa rape, chomoliya le cabbage, beetroot, broccoli, tamati, cornflower, mmidi le magapu.
Mme Kebadile o supile fa mo ngwageng ono a kgonne go lema mmidi le magapu a mantsi mo a kgonneng go rekisetsa dikolo tse di potlana mo Ghanzi, a re o dirile dipoelo tse di nametsang.
O tlhalosa fa a kgonne go thapa banana ka nakwana go mo thusa mo tshimong le go agelela terata mo tshimong ya gagwe ka gore o ne a na le kgwetlho ya go utswiwa ga dijalo tsa gagwe ke magodu ka e ne e le mo seemong se se sa siamang.
Mme Kebadile a supa fa ba LEA ba ile ba mo isa sekolong mahala go ithutela tiro ya temo selo se a rileng a se itumeletse fela thata.
Mo nakong ya gompieno Mme Kebadile o supile fa kgwebo ya gagwe e godile ebile e setse e amogetse bana ba sekolo se segolo sa BCA go ithuta ka temo ya gagwe.
Mme Kebadile o tlhalositse fa ka letsatsi la Horticulture mo Ghanzi bosheng, o ile a amogela batho ba ba farologanyeng mo tshimong ya gagwe go ya go tsaya malebela le go ithuta ka fa a dirang le go kgona kgwebo ya gagwe ka teng.
A tswelela ka go supa fa a na le dikgwetlho tsa go utswiwa ga dijalo tsa gagwe ke bangwe ba batho ba a ba thapang go mo thusa mo tshimong le gone gore go tlhoka marekisetso a a lekaneng.
Mme Kebadile o supile fa banana ka bontsi, ba kgaolo ya gagwe ba gana go bereka mo masimong ka jalo go thata gore a bone babereki ba ba tshephegileng ebile ba bereka ka natla. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keswetseng Samukonda
Location : GHANZI
Event : Potsolotso
Date : 26 Jan 2015






