Breaking News

Le aramele le sa tlhabile - Batlhophi

26 Jan 2015

Modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng, Rre Thomas Batlhophi, o gwetlhile botlhe ba ba thusitsweng ka mananeo a puso go somarela dithuso tsa bone le go ititaya sehuba mo go phadisanyeng le bagwebi ba bangwe go sa kgathalesege gore ba kopana le dikgwetlho dife.

A re puso e dirile go le gontsi go leka go nyeletsa lehuma mo lefatsheng leno ka mananeo a tshwana le LIMID, ISPAAD le a banana a Youth Development Fund mme jaanong go saletse Batswana go ikemela ka dinao ka go tlhokomela tse ba di abetsweng gore di ba solegele molemo.

Rre Batlhophi o buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa Takatokwane, Rre Ngaka Ngaka kwa Khekhenye bosheng.

A re mowa wa boipelego o Batswana ba tswang kgakala ba itsege ka one o  botlhokwa thata mo go nyeletseng lehuma ka ngwaga wa 2016 le go feta, mme ka jalo a ba gwetlha go itirela ka diatla tsa bone go na le go ikaega ka puso.

O gakolotse botlhe ba ba setseng ba  thusitswe ka mananeo a puso go sa kgobiwa marapo ke dikgwetlho tse ba kopanang le tsone tse di paledisang mananeo a bone go gola, mme a ba gwetlha go nna le mowa wa bopelotelele, boitshoko le boineelo le go tswelela ba tswa ka maano a a ka fedisang dikgwetlho tseo.

O kgothaditse ba ba santseng ba saletse morago mo go ikopeleng mananeo a puso go itlhabolola go tlhaloganya fa mokodue go tsosiwa o o itekang, mme a ba kaela fa puso e dirile gotlhe mo e ka go kgonang go leka go ba tlhabolola mme jaanong go le mo maruding a bone go bona gore ba dirisa monyetla o wa mahala.

E ne e rile go le pele, banni bao ba supa fa ba lebogela dithuso tsa puso ka di fetotse matshelo a ba le bantsi ntswa go na le dikgwetlho dingwe tse di ba paledisang go akola mananeo ka thelelo. Ba boletse fa lenaneo la Ipelegeng le gatetse pele ka ba kgonne go itirela ditlhabololo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 Jan 2015